Naledi

Ngwaga o sa nthateng...

 

Bangwe ga re a fitlhelela dingwe tse re neng re batla ngwaga ono, fa bangwe e le menyenyo fela, tse re neng re di eleditse di diragetse. E re gontse jalo, ngwaga mongwe le mongwe fa o simolola rotlhe re bakwadi ba popota. Pena le pampiri di bereka go tlhomaganya maitlamo jaaka re a eletsa. Bontsi ga re batle go kgaogana le yone. Re a baya fa re tla nnang re a tlhodumela go bona gore mosepele o tsamaya fa kae.

Re eletsa gape le dilo di tshwana go ka reka matlo kana dikoloi, go simolola dikgwebo, go tlhatlosiwa maemo kwa ditirong kana go bona yone mebereko le gone go akaretsa tema ya botshelo.Bangwe ba batla go nyala kana go eletsa go nyalwa fa bangwe bone ba lela sa khuranyo ya meno, mabapi le ditlhalano mo malwapeng.Ba bangwe ba eletsa go fokotsa mebele jalo jalo mme ntshe, dirobe le dipeso di tsene gare.

Fela, sebe sa phiri ke gore ga se rotlhe kana tsotlhe ditoro tse re kgonang go di fitlhelela ka mabaka a ka farologana. Go ka simolola ka motho ka bo ene a paletswe ke go tsaya ditshwetso tse di maleba le go tlhomaganya mananeo a gagwe sentle. Kana ditsamaiso dingwe tse motho a sa kgoneng go ka di laola di kgoreleditse maiteko a gagwe.

Se se botlhoko ke gore fa gongwe go tlhoka go atlega mo go nna le ditlamorago tse di seng monate. Re a tle re utlwe dipego tse bangwe ba ba felelang ba ikgapetse matshelo. Mme fela Motswana o a tle a re, ‘le phirimela go tlhaba, a tswelele a re ga go nke go senyegela ruri, fa metsi le o ne a kgoberegela go itsheka’.

Go monate go fitlhelela ditoro tsa gago o le motho, e bile go nametsa pelo gore tsela ya botshelo e ntse e tsweletse sentle. Fela le fa motho a sa atlega mo go tsone tse a batlileng go di fitlhelela, go botlhokwa go tswelela a leka go fitlhelela a bona se a se batlang, ke gore go itoma molomo wa tlase le go nna pelotele.

O ka simolola jaanong go fetola mekgwa le ditsela tse o ntseng o di dirisa go leka go fitlhelela ditoro tsa gago. Ba etle ba rialo ba re ngwaga o sa nthateng kgabaganya dikgolo di nkga tseleng.