Blogs

A le se tseye maemo a legokedi

Motse o, o fa gare ga Thamaga le Moshupa mme ke bontlha bongwe jwa kgaolo ya ga mopalamente Gare. Gape, o bolelwa fa ka ntlha eo e le one molelwane wa Bakwena le Bangwaketse.

Re utlwa gore gone kwa phuthegong eo, Rre Gare o ne a supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba newe sebaka sa go tsenya lebogo mo go tlhatloseng itsholelo ya bone. Ga twe mopalamente o ne a supa fa Batswana ba ka kgona go thusa go tlhatlosa itsholelo fela sebe sa phiri e le gore badirela puso bangwe ga ba ba fe sebaka sa go dira jalo. Gone fa, a rotloetsa gore a Batswana ba neelwe ditiro. Go sale foo, go kaiwa fa Rre Gare a ne a supa fa gape e le maikaelelo a puso gore go nne le molao o o (e seng oo) tlaa tlamang gore Batswana ba fiwe sebaka sa go tokafatsa itsholelo ya bone. A go nne jalo. Tsema le thata ka mong.

E ne ya re re ntse re anapa, ra kopana le Dikgang (Daily News) Phalane 13 2020 mme ra sela polelo ele ya phuthego ya ga mopalamente Gare kwa Goo Kodisa foo. Fa e bua ka fa e reng Rre Gare o ne a supa ka teng fa go sa tlhole go rekisa BMC fela mme le barui jaanong ba ka rekisa ka kwa ntle ga Botswana, polelo ya re;

‘A re…..barui jaanong ba ka kgona go rekisa kwa ntle ga Botswana ele go leka go dira gore mohama wa thuo wa kgomo o kgone go dira sentle.’

E nne e tle potso e re, ka a mabedi fela mme ga a bonele gongwe, fa godimo fa, o bona di tsamaile bogole fa kae? Fa o re ga go gope, ke eng o rialo? Mme fa o re golo gongwe di tsamaile bogole, ke fa kae, tsa tsamaya bogole jang? Gone foo, o bona di ka boela mo tseleng jang? Go tlhamalala re re, o bona phoso e le fa kae, e le efe, mme e ka baakanngwa jang? Ga re itse gore o tlaa re di tsamaile bogole jang Rona re bona phoso e le lefoko ‘ele.’  Gongwe o botse gore ke eng re re phoso e fa.

Re re,  phoso e fa ka gore lefoko ‘ele’ ke lesupu. Le ntse jalo, ga se lefoko le polelo e neng e batla, kana, e tshwanetse go le dirisa. Gape re re, re setse re kile ra bua gore le dirisitswe jaaka re bona fa godimo fale, lefoko le, ga le a dirisiwa sentle ka ga le supe sepe. Jaanong, e ntse ke leo. Gompieno re bona polelo ele, e le dirisitse gararo mme le ntse le sa dirisiwe sentle. Gongwe o botse gore, fa e le lesupi, le a bo le supa eng?  Karabo e re, lesupi le supa se go buiwang ka sone. Motho o ka bua ka sengwe mme a tlatsa go bua moo, ka go supa ka monwana, a supa se a buang ka sone. Go ntse jalo, go twe, mongwe wa menwana ya rona ke o o supang, re supa ka one.

Go tlatsa sele, re boele fa morago fale re re, re setse re kile ra bua, ra tlhalosa gore lesupi le mehuta meraro. Yone nako ele, ra re mohuta wa ntlha o supa se se gaufi le mmui, wa bobedi o supa se se gaufi le mmuisiwa; motho yo go buiwang le ene.

Mohuta wa boraro one, o supe se se fale, se katogile, kana, se le kgakala le mmui le mmuisiwa. Jaanong, a re tseye dikai ke tse re re, basimane ba ga Dialelo, kwa Tlalolakgama, ke bao ba a gama. Fa ba ntse ba tsweletse ba gama, Ntlhapedi o raya Tselapedi a re,  ‘Kgomo e, Gogalepai, e motete. Eo, o setse o gamela kgamelo ya bobedi nna le fa e le ya ntlha, ke  ise ke e tlatse.’  Tselapedi a re, ‘Ee, e masi  mme  e gaisiwa ke Bengbatsone.’

O tswelela a re, ‘Fa e ne e le yone, ke ka bo ke gamela kgamelo ya bone. Kgomo ele e masi thata.’ Gone fa, Ntllhapedi o botsa gore  ‘Bengbatsone kana ke efe?’ Tselapedi a re, ‘Ke e kgwana ele, morwa Dialapisa.’ Ntlhapedi o a leba, o a e bona a re, ‘Ee, ke ele e na le Puotsabone fa tlase ga mosetlha.’ Ka dikai tse, o bona gore fa Ntlhapedi a re ‘Kgomo e…..’ o bua ka kgomo a e supa e le fa go ene. Fa a re,’Eo…..’ o bua ka kgomo e le fale, fa go Tselapedi, mmuisiwa. Mme fa Tselapedi ene a re, ‘…e kgwana ele…..’ o bua ka kgomo e se fa go bone, e ba katogile, mmui le mmuisiwa, botlhe ba e lebela, e bile ba e supela fale, kgakajana le bone. Le dirisiwe jalo lefoko ‘ele,’ e le lesup. A le se tseye maemo a legokedi.

Jaanong o re, ka phoso ke eo, re e bonye, go baakanngwa jang? Karabo e re, re setse re supile gore lefoko ‘ele,’ le tshwaragantse mafoko a mabedi a ne a sa tshwanela go tshwaragana. Go baakanya phoso eo, ke gore mafoko ao, a kgaogane e nne ‘e le’ e seng ‘ele’ le lone e leng lesupi mme le tsere maemo a legokedid; le dirisitswe fa go ka bong go dirisitswe legokedi teng.

Go digela kgang re re, go kwala  sentle, a polelo e se re, ‘A re BMC e ntse ele yone fela…..’ mme  e re, ‘A re BMC e ntse e le yone fela…..’ Go nne gone.