Naledi

Ditiragalo tsa ngwaga wa 2015

 

Bana ba one mophato o ba Matsha College kwa Kang, ba tlhagelwa ke kotsi fa koloi ee neng e ba isa magaeng e ne e menoga gaufi le motsana wa Dutlwe mo kgaolong ya Kweneng. Gatwe kotsi eo e bakilwe ke thubega ga nngwe ya dithaere tsa koloi eo.

Go ne ga tlhokafala bana ba le supa (7) mme ga gobala ba le bantsi mme ba isiwa kwa dikokelong tse di farologanyeng kwa Molepolole, Gaborone le kwa Aferika Borwa.

Bontsi jwa bagobadi bo setse bo ntshitswe mo dikokelong, mme go setse palo e potlana ya ba ba santseng ba tlhoka bongaka jo bo faphegileng.

Ka mabaka a yone kotsi eo mogokgo wa Matsha College o ne a seegelwa fa thoko mo tirong ka nakwana fa ditlhotlhomiso tse di tseneletseng di santse di dirwa. Naledi e ntse e eme le setshaba, puso, sekole sa Matsha College, batsadi le botlhe b aba amegileng mo go hutsafaleleng tiragalo e, le go gomotsa botlhe.

 Maiteko a Botswana go gaisanela maemo a mokwaledi mogolo wa lekgotla la mafatshe a selekane, Commonwealth Secretariat, a ne a seka a atlega fa Mme Mmasekgowa Masire-Mwamba a ne a fenngwa ka batlhophi ba le babedi fela ke mme wa kwa Dominican Republic mo kgaisanyong ee neng ele mashetla thata.

 Ditso di ne dirwa ka gore tlhopho e ne ya tsenya mme wantlha mo maemong a mokwaledi mogolo wa Common Wealth. Ele ruri e ne ele nako ya gore bomme ba itshupe bonatla mo boeteleding pele.

 Morago ga dingwaga tse dintsi mebuso ya mafatshefatshe e tshwara kwa le kwa mabapi le go dira maitlamo aa papametseng ka se se tshwanentseng go dira go hema manokonoko a go thutlhafala ga lebopo, go sa tswa go dirwa jalo mo phuthegong ya COP 21 ee neng e tshwaretswe kwa lefatsheng la Fora (France).

Maitlamo aa dirilweng a tlama mafatshe otlhe go tsaya dikgato tse di lebaneng go fokotsa kgotlelesego ya lewapi ee lereng go thutlhafala ga lebopo mo go ka felelang ka go nyelela ga lone.

Tsholofelo ke gore maitlamo ao a tlaa salwa morago ke dikgato tse di tsepameng go fokotsa kgotlelesego ya lewapi le go gotela mo go feteletseng ga lebopo. Re dumela gore mafatshefatshe a lemoga gore nako ya go tsaya dikgato tse di lebaneng ke yone e. Go goga dinao go ka dira gore re thanye lemapo le le tsebeng lebopo le gaupantswe ke mogote.

 Fa ngwaga ono o simologa go ne a emisiwa letsomo mo diphologolong tsotlhe mo Botswana ka maikaelelo a go difa sebaka sa go ikoketsa ka di fokoditswe thata ke go bolawa.

Mme se se ne sa ama thata Batswana ba ba tshelang ka diphologolo segolothata kwa mafelong a makgabisanaga a tshwana le Central Kgalagadi Game Reserve (CKGR). Gago tlhalosege sentle gore kganelo letsomo e e tlaa goga sebaka se se kae.

 Batshameki ba lefatshe la Eritrea ba le lesome ba ne ba gana go boela gabone morago ga motshameko wa bone le Zebras mme ba kopa botshabelo mo Botswana.

Ere ntswa go ne ga sokasokanwa ka kgang ya bone, ba feletse ba filwe botshabedi ja nakwana fa kgang ya bone a santse e sekasekwa. Tsholofelo ke gore go tlaa bonwa tharabololo ya sennelaruri go somarela matshelo a batshameki bao.

 Ka ngwedi ya Lwetse go ne ga simolodiswa ele lantlha tiriso ya terena ee tsamayang mo toropong le metse ee mabapi kwa Ethopia ka maikaelelo a go hema mosuke le boturu jwa mesepele.

Terena e ke yantlha ya mohuta wa yone mo khontinenteng ya Aferika. Go solofela fa e tlaa thusa go fokotsa mosuke mo ditseleng le go nolofaletsa bapalami boturu jwa mesepele ya go nna mo teropong.

 Baatlhodi bale bane, Justice Mercy Garekwe, Justice Dr. Key Dingake, Justice Rainer Busang, le Modiri Letsididi, ba kgotlakgolo ya ditsheko ba ne ba seegelwa fa thoko ba sena go latofadiwa ka go amogela madi a go nna mo matlong a puso le mororo ba setse ba abetswe matlo.

Kgang e ne ya tsosa kgaruru mo Botswana mo lephateng la boatlhodi go ngongoregelwa gore puso e sunya nko thata mo ebileng e kgoreletsa lephata leo go dira tiro ka tshosologo.

 Tiragalo ee ne ya tsenya pelaelo le matshwenyego ya gore puso e itsa lephata la boatlhodi go ikemela ka nosi le go dira tiro ya lone le sa sokamela gope. Baatlhodi ba ba seegetsweng fa thoko ba setse ba emiseditswe ka ba bangwe ba bane.

Legale komiti ya ditlhotlhomiso e santse e dira tiro ya yone go bona gore a baatlhodi bao b aka kojwa kana ba busetswa mo tirong. Setshaba se santse se letile ka tshisibalo maduo a ditlhotlhomiso tseo le dikgato tse di tlaa tsewang ke Tautona Khama morago ga go a bona.

 Fa ngwaga wa 2015 o simologa phadisanyo ya go bodulasetilo ja phathi ya Domokraga e ne ya lebega ekete e tlaa felela e gapilwe ke Ndelu Seretse.

Mme yare ka ngwedi ya Tlhakole Tshekedi Khama a e tsenelela mme ga lebega okare o tsentse khadi monwana Madomi ba etsaetsega gareng ga Ndelu Seretse, Tshekedi Khama le Tebelelo Seretse.

Yare go ntse go lebeletswe gore tota mmu wa sekara oa go wela kae mo borarong joo, ga tsena Mothusa Tautona Mokgweetsi Masisi. Se le sone sa lebega okare se tlaa kopakopanya Madomi ditlhogo. Tshekedi Khama o ne a itshomola mo lebelong phala ya bofelo e ise e lele. Ka masisi aa kalo morwa Masisi a kgweeletsa pele. Mme a felela a rwele korone ya bodulasetilo ja phathi ya Domokraga.

 Ka Ferikgong website ya Mmegi e ne ya thubakiwa ke makwetsepe a dikhomputhara mme dira gore go latlhege dikgang tse di neng di sale di kgobokantswe mo dingwageng tse 12 tse di fetileng. Ditso tsa Mmegi tsa sone sebaka seo le tsone di ile. A dithubaki tse e ne ele dirongwane tsa mongwe kana bosinyi fela gago itsewe.

 Mothusa Tautona wa pele Mompati Merafe o ne a tlhokafala ngwedi ya Ferikgong e ya fifing mme a  bolokwa kwa gabone kwa Serowe.

Re go nopoletse fela dingwe tsa ditiragalo tsa ngwaga o jaanong o setseng ka malatsi ale kwa tlase ga masome a mabedi. Tse dingwe le wena o tlaa nna o di ikgakolola. Robalelwa ke ditlhokwa jaaka re labile 2016!!