Naledi

Robala ka kagiso Moshe

Kgosi Lekaukau
 
Kgosi Lekaukau

Namibia, Aferika Borwa le Zimbabwe mo leletse selekane, kopanyaditshaba

Botsadi bo mmoletse e bile bo gana go fokolediwa nako bo pala padi

Morwa Moncho a re le goka motsamaisa, ngwanake ga buiwe a ngotlwa

A re Mohihadu ga ngotlwe, Mongologe ga buiwe ka bope bokhutshwane

A re ga e yo tlhware e khutshwane, mma ke e thapholle boleele ke jwa yone

Morwa Monnakgotla a kokobela, a lesa tlhware ra e bona semeto

Mma Mmusi  o boletse a re, fa go letse ngwanake, kaba ke le ikgodiseditseng

Kala ya me le e kgaogile e ntlogeletse kalana di le tharo di tla mpoloka

Morwa Kedikilwe a re o iketse nnake Mos Mos, head prefect, go tla sala nna

Kgosi Suping a lela ka mophato o kopantseng sika la ga Mohurutshe ngatana

Mothusi a re o ile mothusi, re godile re tla sala di tla sala le Moatlhodi

Morwa Balopi a golodika modumedi, o dumetse Rara, a dumela le lekgotla BDP

Pheko a tsotsonka mahatse, phakara ya boranyane e fileng teseletso tsa kgaso

Kgobokgobo seoka merafe, merafe ka poane ya thiba Cathedral go penologa

Tema oe segile ketella,legoga jokwe o diretse lefatshe, wa direla Modimo

Roma e go akotse segolo, Bishopo Setlalekgosi a go paka phuthego ya go bolela

Moshe wa goga tshaba, wa goga bagaeno, wa goga Batswana, wa goga ditshaba

Motho wa mo ruta tumelo, wa mo ruta sekole wa mo ruta le jone boipoloko

Thobadintsi o amusa o sa huse, theletona o amusa o sa kgale rapelo tshwaana,

Morwa Balopi a ko o ntheetse Khukhwa, tsenya tlhogo le lekoko, o itshebe le lekgotla

E re go newa dilo maina, le bue thata ka Moshe, ina la gagwe le umakege

Letshego le lona le kopanye ditlhogo, sengwe le se reelele ka tshimega ditshimega

Kereke kgolo e e Katoliki, sikang lefelo, felo le kgabe ka ina la kwankwetla

Madiradintle ntlha o ka tshwana le matsieng, naola gagwe la ipala thoteng

A mowa wa ga Moshe o robale ka kagiso, pokong ke go biditse Tereblanche

La lefatshe lekwalo o le ikwaletse, matsieng nao legolo o le tlogetse lefatshing

Botswerere ke ina la gago, bopelokgale ke ina la gago, tantabo e sa lapeng

Boikhutso bo go tshwanetse, ke nnete boikhutso bo gone, bo goneboikhutso

Kgakakgolo o bonetse mebala Matlhatso, mebalana mentle e sa tsweng papa. Robala ka kagiso Mochoening!!!