Naledi

Sireletsang madirelo a lona � Motube

ebile go tshwanetse ga simolola ka bone beng ba madirelo.

Mothusa-moanamisa mafoko wa sepodise sa Botswana, Senior Superintendent Dipheko Motube o ne a tlhalosetsa lokwalo-dikgang la Naledi mo potsolotsong Bosheng, a bulela fa go hema borukhutlhi go ka simolola ka bone beng ba madirelo pele ga makalana a mangwe a itshireletso a tiisa maiteko a.

Motube a re ntswa ba na le tirisano mmogo e e molemo le beng ba dikgwebo mo tirong ya bone, fela go supega go na le bangwe ba ba santseng ba saletse kwa morago. Motube a re beng ba dikgwebo ba tshwanetse ba lemoga seabe se ba nang le sone mo go thuseng puso go tlhama ditiro, a tlatsa ka gore jaanong fa ba ka leseletsa borukutlhi go diga dikgwebo tsa bone, batho ba le bantsi ba ka latlhegelwa ke ditiro mme ga koafatsa matshelo a bone.

Motube a re e le sepodise ba tshwentswe ke mabaka mangwe a beng ba dikgwebo ba sa potlakeleng go baakanya itshireletso ya madirelo a bone. A re seemo se se felela se e fa dirukutlhi sebaka sa go senya mo madirelong a go nna jalo. A tlhalositse gore mo gongwe mogwebi o kgona go tsaa sebaka se seleele go emisetsa dipone kana mabati a tshireletsego mo madirelong a gagwe.A re se ke sone sebaka se dirukutlhi di se dirisang.

Motube a re o tlhaloganya gore go thapa dikompone tsa itshireletso go a tura. Mme a re bagwebi ba ka ikopanya mo lefelong le le lengwe go duelela ditlamelo tsa go nna jalo.A re le ntsa fela e kgona go thusa go tlhantsha fa dirukutlhi di leka go tlhasela madirelo.

Motube a re o tlhaloganya gape gore go na le seemo se sengwe se babereki ba golaganang le dirukutlhi kwa ntle go tsenelela mo teng ga ditsamaiso tsa dikgwebo.A tlhagisa gore ke mokgwa o mongwe wa borukutlhi o beng ba dikgwebo ba tshwanetseng ba o ela tlhoko.

A re gape bagwebi le bone ba tshwanetse ba ithuta go tswala madirelo ka nako segolo bogolo ba marekisetso a nnotagi. A re go supagetse makgetlho a le mmalwa gore fa marekisetso a sa tswalwe ka nako go nna le metsamao e mentsi. A re se se dira gore go nne thata gore ele ba sepodise ba senole sentle gore maikaelelo a ba ba gobeang le mebila ka nako eo ke eng.

Fela Motube o solofetsa bagwebi gore batla tswelela ka go ba ema nokeng ka nako tsotlhe go lwantsha borukutlhi jo bo amanang le dikgwebo.A fetsa ka gore bontsi ja sebaka bana le dikitso ka baitseanape ba dikompone tsa tshireletso mme dipati tsa bone di butswe go ka kaetsa bagwebi kwa batho ba go nna jalo ba bonwang teng.