Naledi

Lobby Gee o kgwa molelo

Nnyaa tlhe! yo ke Gaone Fredricks Stones yo o tlholegang kwa kgotleng  ya  Xhosa 1 mo motseng wa Mahalapye mo kgaolong  ya Legare. O tlwaelesegile thata ka leina la ''Lobby Gee.''

 Fa a buisana le Naledi mo potsolosong ka bosheng, o tlhalositse gore le fa gone a tlholega kwa Mahalapye jalo, fela mo nakong eno o nna mo motseng wa Letlhakane mo kgotleng ya Nkosho mo Boteti. Lobby Gee Wa Masika, jaaka barati le  balatedi ba mmino wa gagwe ba rata go mo reta, a re mmino wa gagwe o bidiwa  Rasta-pantsola. A re Rasta-pantsola ke mmino o a o itshimololetseng ka boene mme o tlhamilwe ka go tswakanya meribo/metswako ya mebino e mengwe e e farologanyeng  jaaka pop, reggae,disco,borankana le e mengwe.

A re ka ntlha ya gore ntsanyana ya maitaya  sebata  e bonwa mabotabotong, o sale ka a supile a sale mmotlana gore o tla nna moopedi, ka a ne a nna ka go tlhodia batsadi kgotsa bommata  ba gagwe fa ba tshameka a opela dipinanyana  tse  di neng di tlhaloganngwa ke ene fela.

Lobby Gee wa dingwaga tse 32, o opela dipina tsa gagwe ka Setswana se se tlhololo e bile di humile molaetsa  o  o  ka thusang batho mo matshelong a bone. A re o opela ka teme ya mo gae ka e le yone e e mo kgontshang  go tlhalosa sentle tse a buang ka ga tsone. O gwetlhile banana ba badiragatsi gore ba tlogele  go ekaeka diteme le dingwao di sele ba itlhokomolosa  tsa mo gae.

A re o tlhama dipina a lebile ditiragalo tse di farologanyeng tsa matshelo a batho  mme ka tsone a kgone go fetisa molaetsa  o o botlhokwa mo setshabeng.

Monna yo o ne a simolola go tuma  mo Boteti  ngwaga ono morago ga go golola dipina tse pedi tse di monate  tse maina a tsone  e  leng ''Batsomi'' le ''A gorogile'' ka setlhogo  se se reng ''A gorogile masika.'' A re o ne a apaya dipina tseo kwa go ba PPN LINKS RECORDS kwa Letlhakane, fa lentswe  lengwe le le tlhagelelang mo dipineng tseo e le la ga  Kabo Matlho, fa setshwantsho sa kapetlana se tserwe ke Rre Reolebeng Diuzer Mokganedi.

''Ba ba batlang  go ja monate  ba ka ntshwara mo 76129184/73609267 go akola  mmino o mosha wa Rasta-pantsola,'' ga bua Lobby Gee. O nnile bofefo go bolela gore o mo bothateng jwa go tlhoka madi go gola sentle mo mminong,o  eletsa go bona thuso ya madi  golo gongwe. Mo nakong  eno Lobby Gee a re o apeile alebamo e e feletseng, o  tla e ntsha mo bogaufing.