Naledi

O rile o motona � Mosekiwa

Naledi e tshegeditse leina la motswasetlhabelo ka mabaka a go dibela seriti sa gagwe ka e bile e le moithuti wa Mopipi JSS. Go senogile mo tshekong gore ga twe mosekisiwa o ne a ipiletsa matshwenyego ka kgwedi ya Moranang e le supa mono ngwaga kwa Mokobaxane, fa a ne a dirisa mosetsana yoo botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ntswa gape e le ntsalae thoothoo.

E ne ya re ka bosheng jaana mosekisiwa  a fiwa sebaka sa go bitsa mosupi wa gagwe jaaka a ne a boleletse lekgotla go le pele, mme a simolola go shebasheba ka mosupi wa gagwe a ne a seyo. A dira jalo ka go leka go tlhalosetsa lekgotla gore ke eng fa mosupi yo a neng a re o tla mmitsa a ne a seyo mo lekgotleng mme tlhaloso ya gagwe ya bo e le mo go tweng maithamako a maithamako.

Mosekisiwa yo o neng a lebega a tshwenyegile mo maikutlong, o ne a fetola puo ya gagwe mme a simolola go inanatha.

O ne a tshwara fa le fale a bolelela lekgotla gore moithuti yoo wa Mopipi JSS e ne le moratiwa wa gagwe, a re mo tshekong ga a ise a ko a ganetse gore o tlhakanetse dikobo le mongongoregi, fela a gatelela gore o tsere dikobo jalo ka ntlha ya gore mongongoregi e ne e rile go le pele a seka a mmolelela nnete, ka a ne a mmoleletse gore o na le dingwaga tse di fetang lesome le borataro.

Fa go ntse go reeditswe mafoko ao, mosekisiwa o ne a fetola leleme ka bofefo mme a kopa lekgotla gore le mo itshwarele ka e le lantlha a dira molato mo botshelong jwa gagwe. Fela Mmakaseterata Moanga o ne a nna bofefo go mo gakolola gore a se ka a bua mafoko mangwe ka e se nako ya katlholo kgotsa ipobolo.

E re dikgang di eme jalo, mo mafokong a gagwe a tshoboko, motsamaisa tsheko e leng Sub-Inspector Matengu wa kampa ya Orapa, o ne a naya lekgotla mabaka a a ka dirang gore le bone mosekisiwa molato.

O tlhalositse gore e le ba bosekise ba biditse basupi ba le batlhano ba ba akaretsang motswasetlhabelo, mmaagwe motswasetlhabelo, ngaka le ba bangwe, ba botlhe ba ntshitseng bosupi jo bo nonofileng kgatlhanong le mosekisiwa. A re mo godimo ga seo mosekisiwa, yo o neng a fa bosupi jo bo sa ikanelwang ka nako ya tsheko, o dumetse ka pelo yotlhe gore o tlhakanetse dikobo le mongongoregi. A re ka jalo ba bosekise ba dirile tiro ya bone ka matsetseleko mme mosekisiwa o tshwanetse go bonwa molato. Katlholo e tla ntshiwa ka kgwedi ya Mopitlo e tlhola boraro ka 2016.

E ntse e le kwa lekgotleng leo, Rre Obonetse Boenyana wa dingwaga tse 33 yo o tlholegang kwa Motlhabeng mo Letlhakane, ga a ipona molato mo molatong o a o lebisitsweng wa thubetso ebile a re o tla ikemela mo tshekong eo. Ga twe mosekisiwa o latofaletswa go thubetsa mme mongwe (leina lelobilwe ke Naledi) mo kgotleng ya Sekwe ka kgwedi ya Mopitlo e le 30 ka 2010.

 Modiri wa DEBSWANA e leng Ookeditse Lenganani a re ene o tla thapa mmueledi ka a lebisitswe molato wa go kgweetsa koloi a itontetse bojalwa. Tsheko e tsamaisiwa ke Aaron Serumola wa maemo a sejane.