Naledi

Olopeng o akgola bagwebi

Olopeng
 
Olopeng

Olopeng yo gape a leng Mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Tonota, o ntshitse kakgolo eo bosheng fa a ne a kopanye le bagwebi gammogo le bogogi jwa toropo ya Francistown.

Tona o tsweletse a rotloetsa bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi gore ba tswelele ka mowa o montle wa go rotloetsa metshameko e e farologanyeng mo lefatsheng leno.

Olopeng a re nnete e  e  sa batleng bola bolela ke gore Batswana ba ka dirisa metshameko go rekisa lefatshe leno kwa ntle mme seo se nonotshe mohama o o botlhokwa wa bojanala mme go nne le tokafalo ya itsholelo, selo se se elediwang ke mongwe  le  mongwe. A re go dirisa metshameko go bapatsa bontle jwa bojanala le ditsatlholego tsa lefatshe leno e tshwanetse go nna se se ratwang ke botlhe.

Tona Olopeng a re nnete e e sa phurelweng pheko ke gore bojanala jwa metshameko  bo  na  le seabe se segolo mo go tokafatseng itsholelo.

 O gakolotse dikompone tse di ikemetseng ka  nosi gore di tshwaragane le puso ka dinako tsotlhe fa go tla mo mererong ya metshameko  gore tema e ba e segang e oketsege.

O kopile batshameki gore ba tshware ka thata go tlhokotsa ditalente tsa bone ebile ba se ka ba dirisa metswako epe e e ba nayang maatla ka seo se ka tsoga se ba senyetsa bokamoso mo metshamekong.

Bagwebi le bone ba re ba itumelela go bo ba tsentse diatla mo metshamekong, ba tlatsa ka go tlhomamisetsa Tona gore ba tla tswelela  ba dira jalo. E re dikgang di eme jalo, Mmatoropo wa Francistown, Sylvia Muzila yo  o neng a bua a itumetse thata, a re metshameko ya Botswana Games e tsile ka nako e e siameng  gonne  seo  se tla tsosolosa le go tokafatsa itsholelo ya toropo ya bone, ka e bile ba setse ba itiretse moalo kgotsa toro ya 2022, e mo go yone maikemisetso a bone e leng gore toropo eo e nne boremelelo jwa ditirelo tse di tlhabolang go tokafatsa matshelo.

Muzila a re fa bontsi jwa batho bo tsile mo Francistown go bogela metshameko jaana, bagwebi ba bagolo le ba babotlana bone ba tla roba sengwe ka ba tla bona dipoelo tse di botoka.

Monnasetilo wa BNSC, Solly Reikeletseng, a re fa e sale Botswana  Games e simolodisiwa maduo aa bonala.

A re dikgaisano tse di diretswe go tlhabolola ditalente tsa banana go tswa kwa moding mme seo se ba thusa gore e re fa ba godile ba nne pelokgale mo mererong ya phadisano.