Naledi

Metshameko ya 2015

Mark Harrison PIC: KABO MPAETONA
 
Mark Harrison PIC: KABO MPAETONA

Dikgang tse di sa robatseng morati le morotloetsi wa metshameko ke gore, bontsi jwa baeteledipele ba ditlhopha le makgotla ba gogela kobo ntlha ele nngwe mo botsamaiseng le go ikgagapelela maemo le meamuso. Ntle le go tsamaiseng dilo ka tshokamo le go kubetsana, dingwe tsa ditlhopha di dira sentle bogolosegolo ka fa letlhakoreng la bokatisi le batshamiki.

Ditlhopha dingwe tse di kwa leroleng tse mo pakeng e e fetileng dineng tsa seka tsa itsetsepela kwa liking e kgolo ya B-Mobile jaaka sa Ecoo City Greens, di gwetlha bosimega jwa go ka boela kwa liking e kgolwane. Black Forest ke nngwe ya tsone.

Fa ele JUDO, ga ene e ya komakoma, Karati yone, go buiwa ka diteme. Ka jalo Naledi e tla tlhodumela thata makgotla a le ditlhopha ngwaga o o tlang. A re solofeleng gore ngwaggwa o o palamang wa 2016 dilo ditla tokafala kwa ditlhopheng tsotlhe tsa metshameko.