Blogs

Gole o raya kgakala

Batho ba ba dumela gore, fela fa ba setse ba buile kgotsa ba kwadile ka fa ba kwalang ka teng, go siame, go tlaa utlwala gore ba reng. Ee, nako nngwe go ka balega, ga utlwala, mme gone e se gore go kwadilwe sentle. Bokoa jo jwa go tlhoka go kwala Setswana sentle bo ntse bo tsweletse.

Gompieno re kopana le Naledi e bua ka segwere sa carrot. Fela jaaka e a tle e nne e bue ka maungo le merogo e mengwe, Naledi gompieno e bua ka botlhokwa jwa carrot mo mebeleng ya rona. Naledi e thaya kgang ya yone ka go tlhalosa gore carrot ke segwere se se ntseng jang. Ga twe carrot e sukiri e bile e a gautsega. Ka mmala e lephutshe le borokwa mme gape e ka nna bohibidu le bosweu. Dilo tse ke tse re di itseng ka jaana re dirisa carrot thata mo malwapeng a rona.

Naledi e tswelela e re carrot e na le dikotla tse di botlhokwa thata mo mmelelng wa motho e bile e dirisiwa thata mo dijong. Ga twe carrot e thusa go lwantsha malwetse a kankere ka go farologana ga one jaaka kankere ya mala, sebete, santlhokwe, lela le le tona le a mangwe fela jalo. E thuse gape go lwantsha malwetse a pelo, go swa mhama, e bo e heme go nna le mahura a mantsi mo mmeleng. Mme ga go felele fa. Carrot e bolelwa e thusa go aga mmele ka ditsela tse dingwe tse dintsi.

Naledi e tswelela e re carrot e thusa gore madi a se ka a gatsela, e laola selekanyo sa sukiri mo mmeleng, gape e na le dikotla tse dingwe tse dintsi tse mmele o di tlhokang. Go ka ganetsa mang? Merogo le maungo otlhe a bolelwa a ntse jalo. La bofelo Naledi e re gakolola gore re se ka ra apaya carrot lobaka lo lo leele go tila go bolaya dikotla tse di mo go yone. Go ntse go buiwa jalo gore merogo e se ka ya apewa lobaka lo lo leele ka go dira jalo go e bolaya dikotla mme e felele e sa thuse mmele ka sepe se se kalo.

Re kopana le polelo ya Naledi (02 Sedimonthole 2015) ka carrot ka fa tlase ga setlhogo se se reng, ‘ O itse gole kae ka segwere sa Carrot?’

Polelo e e na le mafoko a le mantsi a a sa kwalwang sentle mme lefoko le re tlaa buang ka lone gompieno ke ‘gole.’ Naledi ya re, ‘O itse gole kae.....?’ Jaaka re buile kwa tshimologong, fa o bala mafoko a, go ka balega mme o tseye gore go kwadilwe sentle. Boammaaruri ke gore Naledi e fositse; ga e a kwala sentle. A mme o lemoga phoso e e diregileng fa?  Phoso ke gore boemong jwa go kwala ‘go le’ yo e leng mafoko a mabedi, go kwadilwe ‘gole’ yo ene e leng lefoko le le lengwefela. Mafoko a ga a tshwane. ‘Go le’ ke legokedi. Naledi e ne e batla gore e re o itse go le kae mme ya bo e re gole. E fositse ka gore, ‘gole’ o raya kgakala. E a re fa Motswana a kaya sengwe a re se gole, a raya gore se kgakala. Bana ba a tle ba bidiwe maina go twe, Motswagole, le lengwe go twe Motswakgakala. Maina a a raya selo se le sengwefela. Go ya ka mabaka a motsadi ene a a itseng, o a bo a raya gore ngwana yo o tswa kgakala.

Seane sa Setswana sone sa re, ‘More wa gole o epiwa ka motlha wa tsholo.’ A e re pele ga re tlhalosa seane se, re tlhalose mafoko mangwe mo go sone.  More go rewa setlhare kgotsa molemo. Tsholo go tewa letsholo. Motlha wa tsholo go raya mogang/nako ya letsholo le bolotse. Jaanong seane sone se raya eng? Seane se raya gore motho o ka batla selo mme a se tlhoka fa a leng teng. Mme ya re nako nngwe a etetse golo gongwe a bona selo seo. Ka jaanong o atlegile o se bonye, a se bapale gone koo, ka nako eo.

Re gatelela tlhaloso ya lefoko ‘gole’ go supa gore tota lefoko le le farologana le ‘go le.’ Mmualebe o sa ntse a re, a e re re kwala, re ele tlhoko gore re kwala jang; re kwale sentle. A re lemoge gore fa o bala sengwe se sa kwalwa sentle, go tshwana fela le o o ja dijo di sa apeega. O tlaa ja mme tota go se monate, o jela fela go imetsa mala. Go bala le gone go ntse jalo. O tlaa bala mme o tsene dingalo, o se ke o natefelelwe, ka tota o bala selo se se sa kwalwang sentle. motshwanes@yahoo.com