Features

The weirdest motshelo treasurer excuses

Lesego Segokgo: Batho ba ba adimeleng madi ba gana go duela, ebile ba ile gae ba sa ntaela

David Mars Riddick Nchoko: Nna kana batho madi ao ke a file ngwanake gor a le ewallet jaanon o tsentse di number di sele bathon ba modimo...

Basupi El Oby: Malome wa maloba a tlhokafala one a a dimile othe le buka ya one

Pako Sepelete: Ke ntse ke fithela ba bangwe fa police ba ile go ripota gatwe treasura o gana go ntsha buka ebile ke fa a tika di membara tsa motshelo ka mantswe are ba tsile go mo lwantsha mo lapeng la gagwe....eish too painful

Kp Chin: Madi a wetse mo toileteng ebe ke flusher ka phoso

BK Macdee Botanca: Kene ke ile goa tsadisa gore a multiplye, abo ke jewa.

Ogomoditse Motlhala: Nna boyfriend yame e ntsamaela ka setlhare bathong kana ke morula ga ke hlaloganye. Batho ba batla madi ene o nnetse go mpitsa honey mamepe. Mme le gale o rekisitse Corolla gongwe ke tla tswa mo mathateng a kanakana.

Tsetsana Arian: Ke mo triping go lebega e tla tsaa lobakanyana…ntla lo bona ke boa bagarona...” kante motho a raa a tsamaetse ruri

Sista Kaytee: Motshwara madi are o kgothoditswe ke magodu a tswa go tsaya madi a motshelo ko bankeng, matho a gagwe ale mahibidu kante motho o a tshetse chillies.

Andrew Segwabe: Ga ke bone buka ya motshelo ha neng ke e beile teng, mme madi one a teng a santse a adimilwe ke ntsalake, yaanong nambara yaagwe ga e tshware.

PE Arl Mmago Shawn Tselaesele: Motshwari wa madi are o latlhetswe ke pono jalo hare latetse madi are ga a dumele gore ke rona ka gore ga are bone...

Keity Mos: Nna batho jaaka le itse ....ke baa madi moh di curtain ko go hookiwang teng.....maloba e rile ke fuguda be ke pega mo boxeng ke fitlhela monna wa matlakala a latlhetse mo skip hire a ya go latlha... 

Keneilwe Mompe: Nna bathong kea lwala hale mpona kele ha, kene ke tsentse madi ha gare ga mattress a magologolo jaanong ke ithelang bananyana ba tshubile matress maabane bare ba cleaner jaaka le bona go setse di tshipi hela jaana. Highblood eko gear 5

Mog Molefi: Batho ba fnbb ba re ga ba bone accnt ya rona

Ntxchu Vieira Tshotlego Bakgobi: Motho yo o ntseng a nna mo tlong e, e rile a fuduga a tlogela thokolosi ya gagwe jaanong di saletse nna. Fa e le madi a dipampiri ga e a bone. Ke tshwere coin fela fa mme ke batla go etela mazion gongwe ba ka thusa .

Thabo Sizwe Elchapo Mogapaesi: Waitse ngwananyana o gotwe Dineo o tla nkgolega ke eng a tshameka le bo Dikeledi mo ntlong gompieno ba ile mantlwaneng ka onfolopo ya batho ena le madi iyooo nthuseng, ebe ba nyema moko

King Serurubele II: Ke lebetse di buka le terenka jaaka rene re huduga maloba ko Tsolamosese, gape ga keitse gore a ke neetse landlord di key tsotlhe le tsa teranka tota, ampo ke di beile kae??????

Maelo Mollentze: Kene ke santse kere ke tla le bolelela gore buka e jelwe ke motlhwa kare kene ke tse ntse madi a mangwe ha gare ga buka,,,,,,gompieno le tsile go mpolaya a bo a thubega ka selelo jaanong mo ke mathata

Gomolemo Alfrd Nthabane: Kene ke ntse kea baya mo terankeng goraya gore irile ke butse peba ya tsena moteng jaanong ke bupi ja ma p2oo hela moteng.

Akanyang Dips Kayla Diphore: Bangwe ba iphatha ka di chillies mo di public toilet..otswa moo a kua are “legodu le tsere handbag ee nang le madi a motshelo” ijooo thusang..k raya a ithathela mo mmung

Tnunu Malkay Nko: Hahahaha last year dis ada woman abo a itshela chillies mo mathong ale mo toropong, ata a lela kogo rona are magodu a phamotse madi, khi

Botshelo Mmagwe Babedi Moshe: Ke letse ke tseneletswe ke magodu mme ba tsere terankana ya madi gotlhe le buka ya teng

Lebo Mmagw Happy Kopano: Gake bone madi kene kea tsentse mo plastic gake itse gore ke e beile kae. Mme keta e bata keta le bitsa ke sena goe bona.

Tfats MmaFortune Mahupa: Bana ba bame ba ba dinalanyana ba a bo ke ne kr ke dira tiro motlhofo ke a go epela madi’pula tsa maloba disenyakaka digelotse gohle le madi!dipudi le tsone diile le melapo!

Kutlo Sedoh Ralenyena I joined ths other motshelo last year. Sale re tsamaa phakela re a go kgaogana madi..kae? Go nnile lefifi re ntse re emets mosadi a sa bolo gor raa a re o mo baseng ka 8am. Le gompieno re ntse re mo emetse...ke ipotsa gor o palame ehe base.