Blogs

Gompieno o bona dife?

Fa e bua ka fa e reng Mme Manake o ne  a leboga maloko a mokgatlho ka teng, polelo ya re,

‘…..o lebogetse maloko a mokgatlho go ipopaganya, le godirisanya sentle go sena go kubetsana ka lebaka le leleele selo se se rurufaditsweng ke go bo ba kgonne go rua dikgomo ba bo ba reka koloi.’

Jaanong potso ke eo ya re, gompieno o bona dife? E raya diphoso. Fa o re ga o bone dipe diphoso, ke eng o rialo? Mme fa o re go diphoso dingwe, ke dife tseo, ke eng e le diphoso, di ka baakanngwa jang? Jaaka gale, re re, ga re itse gore o tlaa araba o reng. Fela rona gompieno re bona go sele, e seng ga gale ga phoso e nngwe, tse pedi, tse tharo. Re bona diphoso tse dintsi. E le dife tseo?

Go go araba re re, phoso ya ntlha ke lefoko ‘godirisanya.’ Potso e re, ke eng re re phoso e fa? Go tserwe mafoko a mabedi ‘go’ le e leng legokedi, la tshwaraganngwa le ‘dirisanya’ a dirwa lefoko le le lengwe. Ga se ka ga nna gone ka go feletse go dirilwe lefoko le Setswana se se nang nalo. E tlaa re o bala, o tseye gore lefoko leo le siame mme tota go sa siama ka ga go a kwalwa sentle. Re fete foo, re re, e nngwe phoso ke lefoko ‘sena.’ Polelo ya re ‘..…go sena go kubetsana…..’ Fa, re setse re kile ra supa gore lefoko ‘sena’ ke lesupi. Jaanong a re boele dikai tsele re re, Tlharapana le Kitimetso ba bua ka dilepe di le fa go bone. Tlharapana ke yoo a re, ‘Selepe se, se boifetse.’ Fale, Kitimetso ene a re, ‘Selepe sena se robegile.’ Re nne re re, fela jaaka nako ele, fa Tlharapana a re, ‘selepe se..…’ o bua sentle ka o bua ka selepe a se supa se le fa go ene. Fela jalo le Kitimetse fa a re, ‘selepe sena…’ o bua sentle, o supa selepe se le fa go ene. Pharologanyo e nne fela gore, fa batho bangwe ba tlwaetse go bua ba re ‘se’ ba bangwe bone, jaaka Kitimetso, ba tlwaetse  gore ‘sena’ mme botlhe ba bo ba tlhamaletse. Go sale foo, nako nngwe ra re, godimo ga gore lefoko le  ke lesupi, gape ke letshegetsi, le tshegetsa lediri. E ntse e le sekai a re re, ka Kitimetso o ne a gorosa, o raya Tlharapana a re, ‘Ema o ye go gama.’ Tlharapana o araba a re, ‘Ee, ke tlaa tsamaya ke sena go ja.’ Lefoko ‘sena’ le bo le dirisitswe sentle e le letshegetsi.

Re fete eo, re re, e nngwe phoso ke lefoko ‘leleele.’ Ga twe, ‘…..le leleele.’ Fa, phoso ke go tshwaraganya mafoko go sa tshwanela go nna jalo mme go felele go ile go sele. O botse gore ao, mafoko ke afe? Karabo e re, ke lefoko ‘le’ e le legokedi mme le tshwanetse go ema fale le le nosi, le lefoko ‘leele’ le lone e leng letlhalosi mme  le lone le tshwanetse go ema ka nosi.

Re nne re fetele pele mme re re, ka di dintsi e nngwe phoso ke lefoko ‘rurufaditsweng.’ Polelo ya re, ‘..…selo se se rurufaditsweng…’ Fa, ga re itse gore a monwana o reletse, kgotsa, go diregile jang ka Setswana ga se na  lefoko le. Lefoko la Setswana le e leng lone ke ‘rurifatsa’ le raya go netefatsa, go supa gore sengwe se nnete, se boammaaruri.

E le sekai, a re re, basimane ba ntse ba bua kgomo. Fa ba fetsa, Kitimetso o a ema, o tlogela thipana ya gagwe mo godimo ga letlalo la kgomo ele. Moragonyana o a bowa a re o tsile go tsaya thipa mme thipa ga e bonale. Ka Tshikarelo o foo, Kitimetso o mmotsa gore a ga a ise a bone thipa gope. Tshikarelo ke yoo, o a latola. Kitimetso o tlhaeletsa Tlharapana o mmotsa gore a ga a ise a bone thipa. Tlharapana o araba ka gore thipa e ne e le fa ba neng ba buela teng mme a bona Tshikarelo a inama a e tsaya. Gore o ne a e isa kae, foo ga a itse. Go utlwa mafoko a, Kitimetso o gakalela Tshikarelo a re, ‘Rra, nneela thipa ya me, e seng jalo, o tlaa se bona.’ Go bona Kitimetso a galefile, Tshikarelo o mo neela thipa a re,’ ‘O tlaa intshwarela rra, ke ne ke lebetse gore ke e ikadimile.’ Kitimetso o tsaya thipa, kgang e a fela. Ka sekai se, re bona Tshikarelo a latola a re ga a ise a ke a bone thipa ya ga Kitimetso mme ke eo e felela e tswa kwa go ene. Gone fa, Motswana a re, go bo thipa e felela e bonwa kwa go Tshikarelo, seo, se rurifatsa, se netefatsa, mafoko a ga Tlharapana a gore o bonye Tshikarelo a tsaya thipa fa e neng e le teng. Motswana o bua jalo a re go rurifatsa, e seng go  rurufatsa. Re wele re re, a polelo e se re ‘…..godirisanya..…go sena…..ka lebaka le leleele…..selo se se rurufaditsweng ke..…’ Go kwala sentle, a polelo e re, ‘go dirisanya..… go se na..…ka lebaka le le leele selo se se rurifaditsweng ke…..’ Go lolame.