Naledi

Moshe �Mos Mos� Lekaukau o bolokilwe

Borre ba losika le ditsala ba gorosa moswi kwa mabitleng PICS. ZOLANI KRAAI
 
Borre ba losika le ditsala ba gorosa moswi kwa mabitleng PICS. ZOLANI KRAAI

Moshe Lekaukau, kana “Mos Mos” jaaka bangwe ba ne ba mmitsa, o tsholetswe kwa motseng wa Hukuntsi ka ngwaga wa 1944, kgwedi ele ya Moranang a le bone. Moshe e ne e le ngwana wa ga Mme Kennetseng Rebecca Lekaukau, yo erileng pele ga a nyalwa ke George Lekaukau ka 1948 a bo  e le morwadia Radira-a- Baumake-a-Mabote-a-Matsipe-a-Mogolane-a-Sekokwane-a-Tausele-a-Phadu-a-Mongologa. Le fa go ntse jalo, Moshe ene rraagwe o ne a bidiwa Leonard Ramosidi-a-Phanchwe-a-Ramosidi-a-Botlape-a-Khibe-a-Keakopa-a-Motlhwareemang-a-Maele-a-Motlhware.

Ka 1970, Moshe o ne a kopana le Tshisimogo Masisi yoo feletseng e le mosadi wa gagwe ka 1974, ba kopanngwa ke tsala ya gagwe moswi Peter Mmusi. Lekaukau o tsene sekolo se se botlana kwa metseng ya Tshane, Tsabong, Hukuntsi, Moshupa le Kanye ka dingwaga tsa 1950 go fitlha 1957. Mme ya re morago a ya go dira dithuto tse dikgolwane kwa St Joseph’s ele gore botlhale jwa gagwe mo dithutong bone jwa ngoka leitlho la boeteledipele jwa sekolo sa St Joseph’s kwa Kgale, kwa a fetileng a nna le kgolagano e e tseneletseng le tumelo ya sekeresete ka fa tlase ga kereke ya Roma. Ka dingwaga tsa bo 1961-62, ka mabaka a go sa tsoga sentle, Moshe o ne a robatswa dikgwedi dile thataro kwa sepateleng sa Athlone kwa Lobatse. Mme se sa kgaupetsa dithuto tsa gagwe. Ya re a sena go tokafala, a simolola go bereka ele modirelapuso kwa lephateng la diposo le ditlhaeletsanyo mme a ya go berekela kwa Mochudi le Lobatse. Ya re a le kwa Lobatse a tsalana le Maitshwarelo Dabutha, yo morago a neng a nna lepolotiki le mopalamente wa lekgotla la kganetso la Puophaa kana BNF. Botsala jwa bone bo ne jwa gwetlhega mme ba nna maloko a phathi ya Botswana Peoples Party (BPP), morago Mos Mos a nna leloko la BDP.  Le fa go ntse jalo, Lekaukau o ne a dira kwa maphateng a a farologaneng a puso jaaka la dipasa le mesepele. Morago o ne a tlogela tiro mme a boela sekolong ka a ne a nyoretswe thuto. Yare ka 1967 a fetsa dithuto tse dikgolwane tsa sekondari  mme a falola lokwalo lwa botlhano ka dinaledi.

 Mos Mos e ne ele mmueledi mme o dirile dithuto tsa gagwe kwa mmadikolo (UBLS) ka dingwaga tsa 1968 le 1969 mme a ya go di tsweledisa kwa Scotland kwa a di weditseng teng ka 1973. O kile a nna mmueledi wa puso mme a tswelela go ithuta go kwala molaotheo, dithuto tse a di dirileng kwa Kenya. Puso e ne gape ya mo romela kwa mmadikolo wa Columbia go dira thuto tse dikgolwane tsa molao (LLM), ka 1976.   E ntse e le tsa bodirelapuso, Lekaukau o kile a nna mothusa mokwaledimogolo kwa Lephateng la ditswammung le merero ya metsi ka ngwaga wa 1980, mme morago a hudusediwa kwa go la Temothuo ka 1983. Ka 1984, Lekaukau o ne a tsholediwa maemo go nna mokwaledimogolo wa Lephata la tsa Pereko, Dipalamo le Ditlhaeletsano. Ka 1989-93 a nna mokwaledimogolo wa Lephata la Ditswammung. Ka 1993-96 a fudugela kwa go la Temothuo.  Mos Mos o ne a tsaya tshwetso ka 1996 ya go bereka mo makalaneng a mangwe mme ya nna ene wa ntlha monnasetilo le motshwarateu wa kompone e e kopanetseng kgwebo le puso ya taolo dithebolelo tsa ditlhaeletsano, ya Botswana Telecommunications Authority (BTA). Go bereka ka bokgabane le botswapelo, go ne ga mo fa tshono ya go abelwa tlotla ke tautona wa pele wa lefatshe leno Sir Ketumile Masire, e ntse e le ka ngwaga wa 1996.   Moshe o nnile le seabe mo go rotloetseng le go thuseng go kokoanya matlole a kago ya sekolo ya Lehutshelo kwa Hukuntsi, kago ya ntlo lehalahala ya kwa mmadikolo ka dingwaga tsa bo 1980 le 1990 ka go latelana jalo. Lekaukau, jaaka e ne e le

mokeresete, e ne e le leloko lele popota la kereke ya katoliki ya Roma mme a kile a tshegetsa maemo a le mmalwa a monnasetilo wa dikomiti tsa boeteledipele jwa kereke. O ne a itlhophela go nna leloko lwa lekgotla la BDP kana Domkgrag fa tsala ya gagwe Dabutha, a ne a itlhophela BNF.  Mos Mos o ne gape a itlhophela go nna tsala le lokwalo-dikgang lwa Setswana la Naledi mme gagwe le gape o ne a etela diofisi tsa Naledi a kgothatsa bakwadi go batlisisa ka ditso tsa merafe, bogolosegolo e e mo Botswana. Mos Mos o tlogela mosadi, bana bale bararo, basimane bale babedi le mosetsana, bana ba bana le bane, bomorwaagwe bale bane le bokgaitsadie bale batlhano.