Naledi

Ba kgala lenaneo la Nyeletso Lehuma

Ba re thulaganyo ya go tlatsa dipampiri tsa boikopedi e a ba ketefalela ka jaana di kwadile ka sekgoa. Ba boletse gape fa makalana a tshwana le a LEA a ba lopa madi go tlatsa dimpampiri tsa dikopo gammogo le go dira leina la kgwebo. Ba re go dira jaana ga go ba solofele molemo ka ba feletsa ba sa boelwe ke sepe, ntle le go itlhobogela kgakala ka lenaneo la Nyeletso Lehuma.

Banni ba buile jaana kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke ba lephata la Merero ya Bong la Gender Affairs mme ba bolela fa puso e ba beile ka fa mosing mo mohameng wa temo thuo. Ba re puso e  tlhalositse fela gore Batswana ba banang le meraka le dikgomo ke bone ba ba ka thusiwang madi a a rileng fa bone e le ba masimo ba thuswa ka dipodi, thulaganyo e bareng ga e a lolama. Ba kopile puso go ba sekasekela seemo seo ka ba nale keletso ya go ruwa dikgomo le bone.

Ya re araba matshenyego a banni, Mogolwane go tswa lephateng la Merero ya Bong, Mme Gokatweng Mmopi a bolela fa bokaedi le bogakolodi bo ka kopiwa kwa ofising ya gagwe mabapi le go tlatsa dipampiri tsa ikopelo mme a bolela fa difomo di kwadilwe ka sekgowa le Setswana, se ele go fa motswana mongwe le mongwe tshono ka fa ene kgonang go araba dipotso a tshosologile ka teng. O boletse fa Lenaneo la Nyeletso Lehuma le ikemiseditse go thabolola matshelo a Batswana.

Mmopi o boletse fa lenaneo la dithuso tsa Lephata la bong le fetotswe mme le sa tlhole le tshwana le la pele mme jaanong le rotloetsa bokopano kana mekgatlho. A re jaanong le thusa moikopedi a le mongwe ka P100 000, ba le babedi ka P200 000, ba le bararo P300 000, fa ba le lesome go ya kwa godimo ba thuswa ka madi a ka tshwara P500 000. Mmopi a re e rile morago ga go lemoga fa bomme le bana ba basetsana ba aparetswe ke lehuma, e bile ba rwelwe mokgoleo mo malwapeng, ke sone puso e neng ya tsaya ditshwetso tsa go fa bomme  tshono  e e atolositsweng mo lenaneong leo.

A re phetogo e ga e reye gore borre ba kgapetswe kwa thoko mme le bone ba letelesega go ka ikopela dithuso fela fa ele gore palo ya bone ga e fete ya bomme le gore ba ka seka ba ikemela ka nosi go sena motho wa mme. Mme Mmopi o boletse fa o ofisi ya gagwe e tlhaelelwa ke bodiredi mme a kopa baikopedi gore ba seka ba fela pelo fa ba fithela mela e meleele.