Naledi

A motokwane o kalwe gape � Mosekisiwa

 

Moleele o dirile kopo e mo tshekong e a sekisediwang go fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane. Mosekisiwa o ne a gakgamatsa lekgotla fa a ne a kopa ka tlhoafalo gore motokwane o a tshwerweng ka o ne o kalwe gape, go lebega fa a ne a sa dumalane le bokete jwa one, jo bo kwadilweng mo mokwalong ya tlhagiso molato.

Moleele, yo a seng nosi mo tshekong e, o sekisiwa le Batshegi Goganang wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe (29) wa kgotla ya Sekeletu kwa Mopipi. Borre bao botlhe ba lebisitswe molato wa go fitlhelwa ka motokwane wa bokete jwa dikereme di le 6.3 (6.3g) kwa Mopipi. Gatwe ba fitlhetswe ka setlhatshana se go belaesegang fa e le motokwane ka kgwedi ya Morule e robabobedi ka 2013.

Ka letsatsi la tsheko e, fa pele ga ga Mmakaseterata Keneilwe Koobake, mosekisiwa wa bobedi, Batshegi Ganang, o ne a seka a ipona molato mme mosekisiwa wa ntlha e leng Geoffrey Moleele ene a ipona molato ka bofefo jwa legadima.

Le fa go ntse jalo, o ne a gatelela gantsintsi a kopa gore motokwane o a fitlhetsweng a o tshwere o kalwe gape, go lebega a ne a leba ka leitlho le le mosoka bokete jwa one jo bo kwadilweng mo pampiring ya tibiso molato, le fa gone a sa tlhalosa gore wa gagwe one o ne o le bokete bo kae.

Tsheko e tsamaisiwa ke Sergeant Mpho Basebi wa kampa ya Orapa. Mosekisiwa yo o iponyeng molato o tla boela mo lekgotleng kgwedi ya Morule e le lesome go balelwa mabaka a tsheko, fa yo o sa iponang molato a tla itshupa ngwaga o o tlang ka Hirikgong e le tlhano. diphologolo, bogolo jang dikgomo le ditonki fa di pegiwa mo dikoloing kgotsa di tsenngwa mo mogotlheng. A re o ne a kgaoga pelo thata ka a itse fa di dirisa motlakase fela o montsi thata wa selekanyo sa 250mw. Lesetedi a re le fa ba ne ba babalelwa ke motlakase ka boraro, ene le Mogotsi ba ne ba seka ba gobala thata. Mme fa e le tsala ya bone, Pule Letsatsi, ene a amegile thata ka ebile ba mo tlogetse ka phatlha mo dimpeng. Fela, banna ba ba ile ba itlhokomolosa botlhokwa jwa go begela mapodise kgang e, ka erile Naledi e bua le mapodise a Tlokweng ba bolela fa gose ope yo o ba begetseng ka yone. Motse wa Tlokweng o ntse o tlhasetswe thata ke dirukutlhi tse di ipitsang Boko Haram, tse gotweng di tswa kwa Sotoma, mme jaanong Batlokwa ba tshelela mo poifong ka dirukutlhi tse di gasame le motse otlhe.

 

E ntse e le mo go tsa borukutlhi, dirukutlhi tsa Kweneng, bogolo jang tse di tswang kwa motseng wa Thamaga, jaanong di suteletse kwa Kumakwane di ne tsa leka go senya maitiso a moopedi o o tumileng wa Rhumba, Frank Franco Lesokwane ka go setsha batho. Se se ne sa paletetsa mapodise, masole le mapodise a kgalemelo lenyatso go tla go laola seemo le go tshwara bangwe ba ba tsenenweng ke bosinyi mo tlhogong.  E ntse e le mo go tsa borukutlhi baagi ba motse wa Oodi mo kgaolong ya Kgatleng ka Labotlhano ba ne ba itumela thata morago ga go tshwarwa ga dirukutlhi dingwe tse di ntseng di tlhasetse motse o, ka go utswa mo marekisetsong le mo malwapeng.