Naledi

Puso e tlhwaafaletse go ruta setshaba-Tshireletso

Tshireletso
 
Tshireletso

Tshireletso o ne a bua kwa palamenteng bosheng go lemoga malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.Mopalamente yoo wa Mahalapye botlhaba ebile ele tona wa Tlhabololo Magae  a re mo godimo ga thuto ya tlwaelo, puso e na le mananeo a tshwana le go busetsa bana kwa dikolong le go oketsa dikitso tsa bone (Target 20000 Initiative).

Tona Tshireletso o ne a re jaanong ka lenaneo la go busetsa bana ba ne ba tlogetse dikolo ka mabaka a a farologaneng ba na le sebaka sa go boela dikolong. A re se ke gore bana ba ba bone thuto gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba mabapi le tsela ya go betla ditiro.

Tshireletso o ne a re fa e sa le lenaneo leo le simologa, baithuti ba le 55 468 ba ne ba ikwadisa go boela sekolong. O tsweletse ka gore mo palong eo, ba le 24 703 (44%) ba ne ba boela dikolong tse di kwa tlase (primary) le tse dikgolwane(secondary).Fa ba le 10 909(20%) ba ne ba boela kwa dikolong tsa tiro tsa diatla( artisan and technical) mme 19 856 (36%) e ne ya bona diphatlha kwa dikolong tsa ithutelo ditiro (tertiary).

Tona o tsweletse ka go supa gore fa a buisa setshaba (2015 State of The Nation Adress), tautona o ne a bolela gore puso e tla bona gore banana ba thusiwa ka go tlhabolola dikitso tsa bone.Se go kaiwa fa se direlwa gore banana ba ba sa boning ditiro mme ba na le dithuto dingwe ba kgone go itlatsa ka dikitso tse di tlhokafalang mo seemong sa gompieno sa ditiro.Tshireletso o tsweletse ka gore maiteko a a lebosega ka a tla tlhabolola lefatshe leno le go isa thuto ya lone golo gongwe.

Tshireletso a re maiteko a a tla bo a thusa thata le lenaneo la go tshosolosa itsholelo.O feditse ka go kopa setshaba go thusa maikaelelo a tshwanelo ya thuto,le go ema kgatlhanong le kgokgontsho, tlhaolele,le tlhoko tekatekano mo go tsa thuto jaaka e le tshoso e rweleng mo go tokafatseng matshelo a setshaba.