Blogs

Di tsamaile bogole fa kae?

Eo, e nne yone paka ya go lema, ya temo. Fa ngwaga e le one sentle, o Motswana a tlaa reng o monamagadi, pula e simolole go na ka kgwedi ya Phalane mme go twe e a phaila, ke pula ya sephai. E phaitse jalo, balemi ba simolole go ipaakanyetsa go ya go lema. Jalo he, bontlha bongwe jwa ngwao ya Setswana ke gore e re ka kgwedi ya Phalane go bo go bulelwa letsema. Mme le bulelwa jang? Ka letsatsi lengwe, morafe o bilediwa kwa kgotleng kgolo ya motse mme mafoko magolo, ka Kgosikgolo e fete e nne gore letsema le buletswe. Go bulela letsema mo, e le go rebola morafe gore balemi jaanong ba ka huduga mo gae, ba ya masimo, go ya go ipaakanyetsa go lema. Letsema le buletswe jalo, ditiro tsa legae, manyalo le ditsheko, di emisiwe gore batho ba tlhagafalele temo. Ka ditiro tsa masimo di dintsi, bangwe ba a bo ba ya go tsosa megope. Ba bangwe ba re ba ya go ntsha makabu ba bo ba agelela masimo (ditshimo). Bangwe gape ba bo ba ya go baakanya megoma, ba betla dijokwe le dikei, ba bo ba baakanya tsotlhe tse di tlaa bong di dirisiwa go golegwa.  Fa tse tsotlhe di dirilwe, di siame, pula le yone e nele sentle, letsema le tswelele. E re Motswana a batla gore mong wa tiro a e emele ka dinao, a e tlhagafalele a e dire, a re, ‘Tsema le thata ka mong.’

E rile re ntse re anapa, ra kopana le Dikgang (Daily News) Phalane 6 2020 mme moo, ra sela polelo ele, e e reng e ne ya re kgwedi ya Phalane e simologa Kgosi Sediegeng Kgamane a bulela letsema kwa kgotleng kgolo ya Bangwato kwa Serowe. Ga twe, gone koo, Kgosi Kgamane a rotloetsa balemi go tlhagafalela temo ka jaana dijo ke selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho. Go supa se, Motswana a re, ‘Pelesa e belesa ka mpa.’ Gape a re, ‘Tsie e fofa ka moswang.’ O sa ja sepe, o ka tsaya kae natla ya go dira tse di tlaa bong di tlhoka gore o eme, o di dire? Go nna thata.

Fa e supa ka fa e reng Kgosi o ne a rotloetsa balemi ka teng go lema ka dikgomo le ditonki ka diterekere di a tlhaela polelo ya re;

‘Kgosi Kgamane o ne gape a rotloetsa balemi…..go dirisa…..ditonki le dikgomo ka go na le letlhoko le le ntsi la diterekere…..’

Fa e wela, kwa tlase kwa polelo ya re;

‘Kwa tirong eo, baruti ka go farologana ba ne ba rapelela gore dipolaano…..le kgokgontsho di eme le jone bolwetse jwa COVID-19 bofele.’

Potso ke eo, e re, gompieno o bona di tsamaile bogole fa kae? Kgotsa, o bona tsela yotlhe di ne tsa tla di goga sentle fela di tlhamaletse? Fa o re ga di a tsamaya bogole gope, re re, ke eng o rialo? Mme fa o re golo gongwe di tsamaile bogole, foo, ke fa kae? Ke eng o re foo, di tsamaile bogole mme di bo di ka busediwa jang mo tseleng? Ga re itse gore o tlaa araba o reng mme rona re bona di tsamaile bogole fa polelo e re, ‘…..ka go na le letlhoko le le ntsi la diterekere…..’ Fa go buiwa ka gore diterekere di tlhaela balemi mme seo polelo e re ke letlhoko la diterekere. Polelo e tswelele e batle go supa gore letlhoko leo, le ntse jang mme e re, le le ntsi. Re re, phoso e gone fa ka gore polelo e kgaogantse lefoko ‘le’ le lefoko ‘ntsi’ mme mafoko a, a tshwanetse go tshwaragana a dira lefoko le le lengwe. Gongwe o botse  gore lefoko leo, ke lefe?  Re re, ke lefoko ‘lentsi’ le lone e leng letlhalosi, le tlhalosa gore letlhoko lele la diterekere le ntse jang. Karabo e re le lentsi mme go bo go tlhamaletse. E le sekai, a re re, e a re selemo letsatsi le lela thata, batho bangwe ba re le lentsi. Ba, ba bo ba bua sentle ka ga ba re, letsatsi le le ntsi jaaka re bona polelo yone e kwadile. Jaanong, basetsana ke bao,  ba bua ka pitso ele ya go ntsha letsema Tekeletso a re, ‘Phuthego ele e ne e tshologetswe ke batho ba bantsi.’ A bo a bua sentle ka gore ga a re ba ba ntsi. Tokafatso a mo tlatse a re, ‘Ee, morafe o ne o le montsi thata.’ Le ene, a bo a ntse a tlhamaletse ka gore lefoko montsi le lone ke letlhalosi mme mo go lone ‘ntsi’ ga a tshwanela go katoga tlhogwana ‘mo’ fela jaaka mo go bantsi,’ ba’ a sa tshwanela go katoga ‘ntsi.’

Re tswele pele re re, gape, re bona di tsamaile bogole fa tlase fale fa polelo e re,’….dipolaano…..le kgokgontsho di eme le jone bolwetse jwa COVID-19 bofele.’ Phoso fa ke lefoko ‘bofele’ ka gore, go tshwaragantswe mafoko a ne a sa tshwanela go tshwaragana, Lefoko ‘bo’ le tshwanetse go ema le le nosi. ‘fele’ le lone la suta la ema fale ka nosi.

Go di busetsa mo tseleng re re, a polelo e se latlhege ya re,’…..letlhoko le le ntsi la diterekere…..’ Gape, a e se re, ‘…..le jone bolwetse jwa COVID-19 bofele.’ Go kwala sentle, le go lolamisa Setswana a polelo e re,’…..letlhoko le lentsi la diterekere…..’ Gape, e re, ‘…..le jone bolwetse jwa COVID-19 bo fele.’ Go kwadilwe jalo, se bo se lolame Setswana e le sone tota.