Blogs

A tsotlhe di lolame?

Ka lefatshe leno ke la barui Tautona a solofetsa fa nama eo, e ka bonwa mono Botswana. Jaanong, gore re tle re kgone seo, Tautona Dr. Masisi o eme ka dinao o rotloetsa Batswana go tlhagafalela mhama wa thuo ya dihutshane. Go ba tiisa moko, a simolola lenaneo la go abela barui ba dihutshane diphoko le diphelehu gore ba tlhabolole, ba bo ba atise leruo la bone. Gape, le gore e re go ntse go tsweletse, bao le bone ba tle ba thuse ba bangwe. Re utlwa fa mongwe yo o neng a abelwa phoko bosheng ka lenaneo le la ga Tautona e le Rre Mookamedi Mogogomela wa masimo a Tshelesele mo kgaolong ya Thamaga-Kumakwane. Go kaiwa fa gone koo, gare ga ba bangwe go ne go le mothusa tona ya Tlhabololo Temothuo le Tlhomamiso Dijo Mme Beauty Manake.

Polelo ele, e e reng Rre Mookamedi Mogomela o ne a fiwa phoko e le ka lenaneo la ga Tautona la go rotloetsa mhama wa thuo ya dihutshane, re e tletswe ke Dikgang (Daily News) Phalane 26 2020.

Fa e bua ka fa e reng Mme Manake o ne a tlhalosa ka teng gore bone ba tlaa thusa jang go tlhatlosa maiteko a go godisa mhama wa thuo ya dihutshane polelo ya re;

‘…..a re thulaganyo e bayang go e sala morago e tla nna go tlhatlhelela dikitso ba amogedi ba lenaneo le ka tlhokomelo ya dihutshane ka kakaretso.’

Potso ke eo ya re, a tsotlhe di lolame?  E raya gore, a fa godimo fa, o bona dilo tsotlhe di siame, mafoko otlhe a dirisitswe sentle go se epe phoso, kana, go se dipe diphoso. Fa o re ga go epe phoso, ke eng o rialo. Mme fa o re o bona phoso nngwe, kana, dingwe diphoso, ke efe eo, ke dife tseo? Gape, ke eng e le phoso, kgotsa, diphoso, mme go bo go ka lolamisiwa, ga baakanngwa, jang? La rona e nne gore, ga re itse gore o tlaa araba o reng mme fa godimo fale, re bona diphoso tse dintsi. Gongwe potso e tle e re, e le dife tseo? Go araba re re, diphoso tseo, re bona lefoko ‘bayang’  le latelwe ke lefoko ‘tla.’ Leo, le latelwe ke  ‘ba amogedi.’ Gongwe ka wena o bona tsotlhe di lolame, o botse gore ke eng re re diphoso di fa.  Go go araba re re, go supa gore ke eng re re diphoso di `foo, a re ye le, re tseye, mafoko jaaka a tlhomaganye fa godimo fale. Lefoko la ntlha ke ‘bayang’ Lefoko le go tserwe mafoko a mabedi, ‘ba’ le ‘yang,’ a dirwa lefoko le le lengwe mme ga ya go sele; ga se ka ga nna gone. Lefoko le, le tswa mo go baya. Re botse  Thanodi  mme e re go baya ke go boloka; go dira gore go se nyelele. Godimo ga moo, lefoko le, le dirisiwa fa go buiwa le motho a le mongwe. Fa Tshelwana a rongwa a le nosi, go tlaa twe,’Baya dijo tseo sentle di se tsenwe ke dilabe.’ Mme fa a na le Thulana go tlaa twe, ‘Bayang dijo tseo sentle…...’ Fa, o bone gore, fa go buiwa le motho a le mongwe lefoko e nna baya. Mme fa e le batho ba feta bongwe, Setswana se tsenya mogatlana ‘ng.’ Go direge jalo ka mafoko otlhe a e leng madiri. E le sekai se sengwe, Pelopedi a reye basimane a re, ‘Apayang magopelo ke tle ke tsamaye ke jele. Lefoko ‘apayang’ le bo le dirisitswe sentle ka ga go buiwe le mosimane a le mongwe, go buiwa le basimane.

Re fete foo re re, e nngwe phoso ke lefoko ‘tla.’ Ga  twe, ‘…..e tla nna…..’ Lefoko ‘tla’ le raya go atamela, go nna gaufi le mongwe, kana, sengwe. Fa Tlharapana a raya Tshikarelo a re, ‘Tla kwano’ o raya gore Tshikarelo a mo atamele, a ye kwa go ene. Go bonale gore polelo ga e a dirisa lefoko le sentle. E nngwe phoso e nne lefoko ‘ba amogedi.’ Fa, phoso e nnile go kgaoganya mafoko a tshwanetse go kopana a nna lefoko le le lengwe. A re tseye sekai re re, fa go opelwa, motho a le mongwe ga twe ke moopedi, e seng, mo opedi. Fa ba le bantsi e nne baopedi e seng ba opedi. Jaanong, ba re tle re utlwe go twe ba amogela diphoko ba di fiwa ke Tautona, fa a le mongwe ke moamogedi, e seng mo amogedi. Mme fa ba feta bongwe, e nna baamogedi, e seng ba amogedi. 

Phoso e nngwe gape, ke fa polelo e re, ‘…..go tlhatlhelela dikitso ba amogedi…..’  Re setse re rile lefoko ‘ba amogedi’ ga le a kwalwa sentle. Jaanong fa, re bua ka go tlhatlhelela. Go tlhatlhelelwa eng? Ga twe, go tlhatlhelelwa dikitso. Di tlhatlhelelwa eng? Baamogedi. Go bo go sa lolama. Go tshwane fela le fa Peeletso a re, ‘Ke apeela bogobe bana.’  Ke yoo a re o apeela bogobe. O bo apeela eng? O bo apeela bana. Gore bana ba apewa jang, ga re itse. Mme go apeela bogobe go raya gore, go sena go apewa, bogobe bo tlaa ja bana ka Peeletso a re o apeela bogobe bana. Ga a re, o apeela bana bogobe. Go tshwane fela le polelo e re e tlhatlhelela dikitso baamogedi; e sa re e tlhatlhelela baamogedi dikitso.

Go wela re re, a polelo e se re, ‘…..e bayang ….. e tla nna go tlhatlhelela dikitso ba amogedi…..’ mme e re, e ba yang …..e tlaa nna go tlhatlhelela baamogedi dikitso…..  Go kwadilwe jalo, tsotlhe di bo di lolame.