Naledi

Khama o tshwana le Jeso po! � Kably

Kably
 
Kably

Mo letsholong la go boka le go tlotlomatsa thata tautona ya lefatshe la Botswana Lt General Ian Khama, mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephephe Lakay Kably, a re ga gona Motswana ope le fa e ka nna mang yo o ka fetang Khama ka go ratiwa ke Batswana. A re o mo tshwantshanya fela le morwa Modimo Jeso Keresete yo o ratiwang ke barapedi le baleofi botlhe ba lebopo ka ntlha ya lorato le kutlwelobotlhoko ya gagwe.

Fa a akgela mo mafokong a setshaba a ga tautona beke e e fetileng kwa palamenteng, mopalamente Kably a bolela fa mafoko a ga tautona Khama a le mantle thata ka a tsholetse Batswana tsotlhe tse di molemo tse a itseng fa Batswana ba di itumelela fela thata. A re ga gona ope yo o ka aketsang Batswana a re Khama ga a bue sepe ka Khama a dira dilo ka thulaganyo, e mo go yone a rotloediwang ke mowa wa gagwe o montle.

Kably o ne a tlogela mapalamente ba sule ka ditshego fa a bolela gore ga gona ope yo o tshwanang le morwa Khama ka lorato le kutlwelobotlhohoko, eleng seo tshaba yotlhe ya Botswana e mo ratang go le kanakana. O ne a gatelela gore ga gona ope yo o ka reng ga itse fa Batswana go ralala lefashe lotlhe ba rata le go tlotla tautona Khama. Are ke sone seo a reng ke sesupo fela se se papametseng gore o dira sentle le bone a sena kgokgontsho le fa e le boikgogomoso.

O ne a bolela gore fela jaaka barapedi le baleofi ba rata Modimo le morwa wa gagwe Jeso Keresete bobe, morwa Khama le ene o na le tatedi e ntsi thata ka gongwe le gongwe fa a leng teng a nna fela a setswesetswe morago ke matshwititshwiti a batho. O ne a bolela gore matshwititshwiti a, ga a dire jaana ka ba batla go swabisa Khama. Are mme tota ba dira jaana go supa kgotsa go bontsha lorato le tlotlo ya bone mo go ene ka e le rraabone yo o tlotlegang.

Fa a tswelela ka go bolela ka go ratiwa mo ga ga tautona Khama, Kably o ne a re mapalamente otlhe go sa kgathelesege gore a ke ba phathi ya Domi kgotsa tsa kganetso, ke basupi ba tsotlhe tse a di buang tse, a tlhalosa gore fa ba bitsa diphuthego mo dikgaolong tsa bone, kgotsa metse, morwa Khama le ene a bo a bitsa ya gagwe, mopalamente o ya go tlhabiwa ke ditlhong tse di botlhoko.

A re digoagowe di tla a bua fela le ditlhare le ditilo go sena batho mo phuthegong ya mopalamente, ka botlhe batlhophi le baagi ba tla a bo ba tshologetse kwa morwa Khama a biditseng teng. A re a go se nne ope yo o ikopisang tlhogo ka gore o batla go lekana le ene ka seriti le lorato go tswa mo Batswaneng ka ene a tsetswe a ntse jalo.

Kably o ne a hakgamatsa palamente fa a tswelela ka go bua fa Khama a tlhomile mananeo a le mantsi a go tlhabolola Batswana le gone go ba ntsha mo lehumeng, a a reng o rotloetsa Batswana botlhe go inaakanya le one ka boammaaruri. O ne a tswelela a bolela fa Khama a busa sentle ka a supa fa a na le ponelopele ya go busa, a re ga gona ope yo o kileng a busa pele ga gagwe yo o mo gaisitseng, eleng seo ene a tla a tswelelang a se mo akgolela.

Erile a itebaganya le lenaneo la go tlhabolola Batswana le go tlhama ditiro la ESP, Kably a bolela fa e le yone ponelopele e ntle ya ga Khama, a re o a e lebogela, mme a kopa gore a e aname le lefatshe lotlhe go fitlha le kwa kgaolong ya gagwe. O boletse fa kgaolo e ya gagwe e amilwe thata ke lehuma le ditsela tse di sa siamang. Ka go rialo kopa gore tsotlhe tse di tsibogelwe mo lenaneong le la ESP gore batlhophi ba gagwe le bone ba itumele.

Fa a bua ka bogosi, Kably o ne a seka a ipona tsapa go kgala thata bogosi jwa Sekwena, a re dikgosi tsa teng di tletse semorafe le tlhaolele thata, a re di nyatsa le gone go tseela merafe e mengwe kwa tlase, bogolo jang Basarwa le Bakgalagadi.