Naledi

Khansele e lekana le leruo mo mebileng

Fela, moanamisamafoko wa khansele ya Gaborone, Ethel Koma, o supa gore ba tshwere ka thata go lwantsha seemo.Karabo e e tla morago ga gore banni ba toropo ba supe khansele ka monwana ba re e maoto a tshupa go lekana le seemo.

Koma o bolelela Naledi gore ba na le lekoko le le tlhanasetseng mo mebileng go itepatepanya le go laola leruo.Tiro ya bone e akaretsa go ntsha leruo mo ditseleng le mo mafelong a mangwe a le sa tshwanelang gore le ka bo le le mo go one.

Lekoko le le akaretsa moeteledipele wa lone (Senior Grounds Officer) le mothusi wa gagwe.Bobedi jo bo a bo bo na le setlhopha (herdsmen) sa maloko a le supa (7).Koma o tlatsa ka gore lekoko le le dira tiro ya lone go simolola ka nako ya borataro phakela (0600) go fitlhelela ka nako ya borataro maitseboa (1800) fa gare ga beke.Ka mafelo beke kana malatsi a boitapoloso lekoko le le dira tiro ya lone magare ga nako ya metsotso ele masome mararo morago ga nako ya bosupa phakela (0730) le metsotso e le masome a mararo morago ga nako ya bone maitseboa(1630).

Koma o tswelela ka gore go na le mafelo a tiro ya go laola leruo e tla tsenelelang thata mo go one. A re se ke ka go lemoga fa seemo se le maswe thata mo mafelong a go nna jalo. Mafelo a ke Phakalane, Phase 2, Block 5, 8 le 9. Koma o tlatsa ka gore e re ba lemogile gore seemo se se bifela pele, ba na le thulaganyo ya go oketsa badiri ba ba laolang leruo leo mo mebileng.

Fa a araba matshwenyego a gore leruo le le thudilweng ke dikoloi le tsaya sebaka le sa ntshiwe mo ditseleng, Koma a re ba na le tshwanelo ya go fa sebaka beng ba leruo leo go le tsaya.Koma a re bontsi ja sebaka ba fa beng ba leruo sephatlo sa letsatsi mme le lengwe le ka ntshiwa gone foo fa le supega le le diphatsa tse di feteletseng mo badirising ba tsela. O feditse ka gore khansele e dirisa madi aa kanang ka

P 900 000 ka ngwaga go dira tiro e. Ka nako ya pego e e kwalwa khansele e ne e santse e batlela Naledi kotlhao tse motho a ka lebaganang le tsone fa leruo la gagwe le fitlhelwa mo mebileng.

Fela, banni bangwe ba ngongoregela gore tiro e khansele e supang gore e a e dira. Monni wa Village, Neo Mingie Mogale, a re ene ga a ke a bona ope kana setlhopha sepe se koba diruiwa mo ditseleng. Mogale a re ba ba neetsweng tiro ba ka tswa ba sa dire jalo kana bagolwane ba bone e le bone ba robetseng mo tirong. Alex Moseki, moithuti wa mmadikolo ene a re bone ba tshela ka go bona leruo le tletsetletse le mo sekolong sa bone jaanong tota o ipotsa gore le jone bodiredi ja sekolo ga bo bone seemo se. Fela mogwebi yo mmotlana Silas Kgagodi, a re selo se setona ke tirisanyo mmogo magareng ga dikhansele. Mokgadi a re fa motho a etse tlhoko o tla lemoga gore bontsi ja leruo le le mo toropong le tswa kwa mo metseng ee mabapi jaaka Tlokweng le Mogoditshane. A re o ipotsa gore ele gore dikhansele tsa mafelo ao tsone di dirang go laola seemo. eng tiro ba tlaa dira moalo le go tsenya dipone tseo tsa mesepele mo sebakeng sa ngwaga tse tharo le paakanyo ya ngwaga tse tlhano.Tiro e e balela le mafelo a a fa tlase ga Gaborone jaaka Tlokweng le Mogoditshane.Koma o fetsa ka gore tiro ya go baakanya le go tsenya dipone tsa mesepele tse di senyegileng bontsi ja sebaka e lopa khansele madi a a kanang ka P 1.2 million.