Naledi

Bakgweetsi ba tlhasetse dipone tsa mesepele

Se se tlogela ditsela di le mo seemong se se sa tsamaegeng.Neelano ya bakgweetsi le yone ea kgoreletsega.Dikotsi le tsone di  golele pele. Fela, bakgweetsi ba amogela gore bontsi ja sebaka ke bone ba dirang molato.

Motsamaakadinao, Merapelo Selebogo, a re bana segolo bogolo ba dikole ba na le go tshamekisa dipone tsa mesepele.O tsweletse ka gore ba tla tlhola ba tobetsa motshegare otlhe; dikoloi di eme mme ba sa tlole.Fela a re bakgweetsi ke bone ba ba di gogang kwa pele ka go thula dipone tse tsa mesepele.

Mokgweetsi Alfred Serero, o a dumalana.Serero a re gona le bakgweetsi ba ba itlwaeditseng go thula dipone tsa mesepele mme morago motho a seke a itse fa ba tseneng teng.O tsweletse ka gore bontsi ja ditiragalo tse di diragala morago ga maitiso.

“ Ba bangwe re a ba bona mme re seke re ba begele mapodise” ga bua jalo Serero. Serero a re se se tlogela dipone tsa mesepele di le makgasa ditsela tsotlhe, seemo se a reng se felela se oketsa dikotsi. “Bakgweetsi ga re batho ba go neelana ka nako tsotlhe” ga senola jalo Serero.

Mongwe  wa bakgweetsi o tlhalosetsa Naledi gore ene o kile a thula nngwe ya dipone tsa mesepele.Mokgweetsi yoo, o ne a kopa gore leina la gagwe e nne phitlhela kgomo ya serotswana a re go ne go sena ope mo tseleng eo mme a le botsa phokoje.

“Tota mme ga ke molato ka gore ke ne ke leka go tshaba kgomo mo tseleng”, mokgweetsi yoo o supa jalo mme a leka go tlhapa diatla ka tsela nngwe. O tsweletse ka gore khansele e maoto a tshupa go ntsha leruo mo tseleng le gangwe le gape le ba dirisang diphoso.

Lekgotla Lekgotla a re ene ele mokgweetsi mme o ipotsa gore gatwe bakgweetsi ba bangwe ba bo sianetse kae fa gare ga toropo. Lekgotla a re go kgoba marapo ka gore khansele le yone e tsaya nako go baakanya dipone tse.O tlatsa ka gore ba sepodise le bone ga ba dire go lekane gore ba laole mesepele mo ditseleng . Naledi e ne ya ikopanya le ba khansele go utlwa ka seemo se. Moanamisa mafoko Ethel Koma, o supa gore ele khansele ka lephata la dipalamo le ditlhaeletsano,ba ithotse tiro ya tlhokomelo ya dipone tsa mesepele.Koma a re se se simolotse ka kgwedi ya Ngwanaatsele e rogwa ngwaga ono. Koma o tswelela ka go tlhalosa fa jaanong tiro e tla dirwa ka fa tlase ga thulaganyo ya Botswana Intergrated Transport Project (BITP).Thulganyo e e kopanetswe ke goromente wa lefatshe leno le ba World Bank. O supile fa thulaganyo e e remeletse thata mo maduong ka jalo fa ba ba neetsweng tiro ba sa e dire sentle ba tla lebaganwa ke dikotlhao tse di gagametseng.Koma o tswelela ka go tlhalosa gore go setse go ntshitswe ikopelo ditiro tsa go baakanya le go tsenya maranyane a mangwe a dipone tsa mesepele.Ikopelo eo e tla tswalelwa ngwaga o tlang kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a le matlhano mme tiro e tla neelwa ba ba atlegileng. Koma o supa gore ba ba neetsweng tiro ba tlaa dira moalo le go tsenya dipone tseo tsa mesepele mo sebakeng sa ngwaga tse tharo le paakanyo ya ngwaga tse tlhano.Tiro e e balela le mafelo a a fa tlase ga Gaborone jaaka Tlokweng le Mogoditshane.Koma o fetsa ka gore tiro ya go baakanya le go tsenya dipone tsa mesepele tse di senyegileng bontsi ja sebaka e lopa khansele madi a a kanang ka P 1.2 million.