Naledi

Palapye o tlhoka sepatela � Goya

Goya
 
Goya

Goya o buile se bosheng, kwa segopotsong sa mafatshefatshe sa go gopola ba ba latlhegetsweng ke matshelo le go gobala ntateng ya dikotsi tsa tsela. Goya o tlhalositse fa dikotsi ka bontsi di diragalela mo tseleng ya A1 gaufi le Palapye ka jalo go le maleba gore motse o o agelwe sepatela sa maemo a magolwane.

“Re tlhoka sepatela se setona se se ka kgonang go amogela batho ba ba boneng dikgobalo go tswa mo dikotsing pele ga ba ka fudusediwa go sele,” Goya a rialo.

Mopalamente o ne a supa gape fa go tlhokafala gore go nne le lefelo le le bidiwang ‘Combined Response Centre’ kana lefelo la thuso ya potlako ya makalana a sepodise, batimamolelo le makalana a mangwe. O boletse fa lefelo le leka go boloka matshelo a batho ba le bantsi ka jaana batswasetlhabelo ba ka bona dithuso go tswa mo maphateng aa botlhokwa otlhe ka nako ele nngwe.

A re thulaganyo e e ka fefosa ditlamelo go goroga kwa bathong ka nako gona le seemo sa gompieno se go gorogang ba sepodisi kgotsa baoki kwa lefelong la tiragalo mme lephata le lengwe le bo le ya go goroga morago. Gongwe ebile botshelo jwa mongwe bo setse bo latlhegile.

O supile gape fa a eletsa go ka nna le dikoloi tsa sepodisi tse di nnang di tsamaya mo sekgaleng sa dikhilomethara tse di masome mabedi mangwe le mangwe tse e tlaareng fa kotsi e tlhagoga di tsiboge ebile ele ka bogautshwane.

Goya a re o tshwentswe ke batho ba ba santseng ba nwa ba bo ba iphitisa dinotagi, mme ele jaaka ba tlaabo ba felela ba amilwe ke dikotsi tsa ditsela. Are mo kgaolong ya gagwe e setse ere fa ngwana a tsholwa abo a itse modumo wa dikoloi tsa sepatela, tsa sepodisi le tsa ditimamelelo pele a ka itse medume epe. Are seo ke ka jaana go diragala dikotsi ka nako tse dintsi mo motseng.

Le fa go ntse jalo, Goya a re lephata la gagwe eleng la thuto, le tsentse letsogo mo go lwantsheng seru se ka jaana le akareditse dithuto tsa ipabalelo tseleng mo lenaaneng la dithuto kwa dikolong. A re goromente le ene ga se gore o phuthile matsogo ka jaana ana le kakanyo ya go fokotsa mosuke mo tseleng ya A1 ka go aga ditsela tse dingwe. Selo se areng se tla thusa thata go hema dikotsi mo tseleng e.