Naledi

Ramosesane o kopa mapodise

 

Se jaanong se gwetlhile mokhanselara wa kgaolwana ya botlhophi ya Oodi, Batlhalefeng Ramosesane, go ema ka dinao go batla tharabololo, mme a setse a kwaletse Ramapodise wa Broadhurst go kopa thuso e e botoka.

Mokhanselara Ramosesane o boboletse Naledi mo puisanyong fa batlhophi ba gagwe ba tshelela mo letshogong ka ntlha ya borukutlhi jo bo apesitseng kgaolwana e ya gagwe ya botlhophi, e a reng e bulegile thata go tsena kwa Kgalapitse. A re Oodi o setse a le motona thata mo a ka bong a setse a agetswe diofisi tsa sepodise tse di nang le mapodise a le mantsi, bogolo jang ka tota Oodi a dirisanya le Matebele mo go tsa itshireletso, gammogo le dipalo tsa batho, eleng seo a bonang go tlhokega gore mapodise a okediwe gore a kgone go itepatepanya le borukutlhi jo.

Ramosesane a re ka e ntse e le moagi wa Oodi, pele ga tsena mo setilong sa bokhanselara o ne a ntse a sa itumedisiwe ke ka fa borukutlhi bo golang ka teng mo go one motse o, bogolo jang ka Oodi a le gaufi thata le toropokgolo Gaborone. Se a re ke sone se gakatsang borukutlhi ka bontsi jwa dirukutlhi di tla go nna le go iphitlha mo teng, mme di tswelele le mokgwa wa tsone wa go thukutha batho go ba amoga ditsabone le gone go ba golafatsa le gone go ba bolaya. Mabapi le go gola mo go kana ga dirukutlhi, Ramosesane o boletse fa go tshosa thata, ka moso le moso go begwa fa bangwe le dikgwebo di letse di thubilwe ga utswiwa madi le dithoto tse di lopang madi a mantsi fela thata.

O ne a tlatsa ka go bolela gore borukutlhi jo bo setse bo dule mo taolong mo baagi le baeng ba thukuthiwang ditsabone le motshegare fela letsatsi le penne, ka dirukutlhi di itse fa go ka se nne bonolo go bonwa le go ka tshwara ka bofefo.

Ramosesane a re palo ya mapodise a a abetsweng Oodi e nnye thata, mme a kopa gore e okediwe fela thata, bogolo jang fa go ise go agiwe diofisi tsa sepodise, tse a reng le tsone o bona go le botoka gore di potlakelwe. A tswelela a lela thata ka lefifi la motse o ka ntlha ya go senang dipone tsa mekgwatlha go tshuba bosigo A re o atle a tsene mo tirong ya bosigo le mapodise, mme go le  boammaaruri jo bo sa jelweng pheko gore palo ya bone e tlhaelela kgakala thata fa e bapanngwa le borukutlhi jo bo didimosang mmele jo.

Go supa go sa itumedisiweng ke borukutlhi le tlhaelo ya mapodise, Ramosesane a re o ne a bona go le botlhokwa gore a kopane le kgosi ya motse, le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse go kwalelwa mookamela diofisi tsa kgaolo ya Broadhurst tsa sepodise lekwalo go bolela ka borukutlhi jo le gone go kopa mapodise a mangwe go oketsa ba ba nang le bone mo motseng wa Oodi.