Naledi

Ntwa ya CELIAT e tswelela gompieno

 

Etla a re gompieno mo metshamekong mengwe e e thata Matshediso Osi a thulane le Tshepiso Rebatenne le Boitshwarelo Butale.

Kwa setlhoeng sa loko ya banna go kokoretse Thobo Matlhatsi, a latelwa ke Bonolo Mabote, ba botlhe ba tshamekileng ga rataro,  fa basadi bone ba gogwa pele ke Boitshwarelo Butale, a longwa serota ke Tshepiso Rebatenne ba ba setseng ba tshamekile ga tlhano.  Metshameko yotlhe e bonala e le botlhokwa thata mo batshameking botlhe ka ba tlhaloganya sentle gore phenyo e ka ba baya mo seemong se se botoka thata sa go ka nna gaufi thata le go ka rwala korone ya bosimega. Se jaanong se dira gore liki ya monongwaga e nne thata le go natefa ka go supiwa kitso le maitemogelo a a kwa godimo ke batshameki ba ba neng ba felela mo maemong a borobabobedi mo go tlhomaganeng ga bone go ya ka tshameko ya bone.

Go ya ka mogolwane wa BTTA, Kudzanani Motswagole, liki ya monongwaga e supa kgolo fela e e itumedisang, ka batshameki botlhe ba kgatlha leitlho go leba fa ba tsena mo seraleng go nkgisana magwafa mafelo a beke nngwe le nngwe. A re go supa fa ntwa ya monognwaga e le ee mashetla. Ga go ise go itshupe sentle gore ke batshameki ba fe mo banneng le basadi ba ba tla a felelang ba itlhomile kwa setlhoeng fa liki e fela. A tlatsa ka gore le yone metshameko ga e sa tlhole e fenngwa ka dintlha tse dintsi go feta ba bangwe, mme ebile go sa tlhole go tlhamaletse fela gore gona le batshameki ba ba bogisang ba bangwe, se a reng se bakwa ke thotloetso go tswa kwa go ba kompone ya CELIAT. E a reng fela jaaka dikompone tse dingwe tse di rotloetsang metshameko e mengwe, CELIAT le yone ke motsaya karolo yo o botlhokwa mo go tlhabololeng le go godisa motshameko wa thenese.