Naledi

ESP ga e na bothata - Botlhale

Professir Botlhale
 
Professir Botlhale

Botlhale o buile jalo kwa ngangisanong ya setlhogo seo bosheng e eneng e rulagantswe ke mokgatlho wa merero sa sepolotiki la Mmadikolo (Political Science Society). Ngangisano eo e ne e le magareng ga phathi ya Domkrag (BDP), UDC le ya BCP.

Botlhale a re o tlhaloganya gore gongwe bothata jo botona e santse e le diteng tsa lenaneo ka bophara jwa lone. Fela a re o solofela gore ba ba tshwereng marapo batla ntsha dintlha ka botlalo jaaka ba solofeditse. O ne a tlatsa ka gore o dumela gape gore goromente wa letsatsi o tla bula dipati go amogela mogopolo ka tiragatso ya lenaneo. O tsweletse ka gore se se tshwanetseng gore e bo e le konokono ya ngangisano ya mogopolo, ke gore a go tla nna le tekatekano ya go tsaya karolo. Botlhale a re se sengwe e ka nna gone gore tiragatso ya mogopolo e nne manontlhotlho le gore kwa bofelong go nne le maduo.

Botlhale a re o dumela gore diphathi ka bo tsone di a dumalana gore go mosola go thatafatsa itsholelo.  O tladitse ka gore mogopolo wa go thatafatsa itsholelo gase selo sa lefatshe leno fela. A re go diragetse jalo le mo mafatsheng a mangwe fa ne ba bona go tlhokafala gore ba kokobatse seemo sa itsholelo ya bone.

Botlhale o ne a patilwe ke Ronald Badubi. Badubi ke moithuti wa dithuto tse di kgolwane (Masters Degree) mo go tsa maranyane a sepolotiki. Fa a tswa la gagwe, Badubi o ne a re se a se tlhaloganyang ka go tsosolosa itsholelo ke gore go dirwa jalo fa itsholelo ka bo yone e supa tota gore e reketla. A re go tshwanetse ga bo go na le bosupi le dipalo tse di supang gore gone itsholelo e mo botsogong jo bo tlhobaetsang. O tladitse ka gore fa go ntse jalo, puso e tsaya tshwetso ya go feta ditogamaano tsa yone go oketsa madi go thusa itsholelo.

O tsweletse ka gore morago ga go tsosolosa itsholelo go tshwanetse ga bonala ditlamorago tse di menaganeng mo tokafalong ya lefatshe le matshelo a setshaba.  Monana yoo, o ne a fa sekai ka lefatshe la Amerika a re tautona Barack Obama o ne a tsaya tshwetso ya go nna jalo go tsosolosa itsholelo ya lefatshe leo.

Badubi a re fa lenaneo la go tsosolosa itsholelo le ka diragatswa sentle le ka thusa BDP mo ditlhophong tse di tla latelang. A re mme ga le ka seke la atlega, BDP e ka bona go se go ntle.

Le fa gontse jalo, Tautona Ian Khama o ne a kgalwa ke bangwe bosheng ba re ga ama dintlha ka botlalo ka lenaneo le la go tsosolosa itsholelo le gone gore go sa ntse go sa itsiwe gore puso e a go tsaya bokae kwa mabolokelong a a kwa mafatsheng go diragatsa lenaneo leo.