Naledi

BNF e tlotla Koma

Koma
 
Koma

Koma o ne a simolola a bo a etelela phathi ya BNF ka sebaka.

O ne a tlogela BNF morago ga dintwa tsa ngwaga wa 1998 tsa maraganateng kwa Palapye.Koma o tlhokafetse ka ngwaga wa 2007 e le leloko la New Democratic Front (NDF) e ne e simolotswe ke mangwe maloko a ne a tswa mo BNF.  Fa a lekodisa Naledi ka ditiragalo tsa mafelo a beke kwa Mahalapye,moanamisa mafoko wa BNF, Moeti Mohwasa a re thulaganyo e tla simolola ka moletlo wa dijo le dino ka Labotlhano o o tlaabong o tshwaretswe kwa hoteleng ya Mahalapye Cresta, go simolola ka nako ya bosupa maitseboa.  O boletse fa sebui sa tlotla gone kwa moletlong o e tla bo e le moeteledipele wa lekgotla la babereki la BOFEPUSU, Johannes Tshukudu. Mohwasa a re ka tsatsi la matlhatso a makuku a naka tsa kgomo,moeteledipele wa BNF Duma Boko a bo a apola letlapa la ga Koma. Morago ga foo, BNF e tla tlhanasela le mebila ya motse wa Mahalapye ka motseletsele wa dikoloi mme o tla wela ka phuthego ya phatlalatsa ya sepolotiki gone kwa Mahalapye.

Ditiro tse tsotlhe, Mohwasa o supa gore ele BNF batla bo ba na le baeteledipele le maloko a diphathi tse dingwe tse ba kopaneng le tsone mo thulaganyong ya Umbrella For Democratic Change(UDC). Mohwasa a re ba tla bo ba laleditse gape le moeteledipele wa phathi e nngwe ya kganetso ya Botswana Congress Party (BCP), Dumelang Saleshando.

Go solofetswe gore Saleshando jaaka baeteledipele ba diphathi tse dingwe le ene a bo a patilwe ke mangwe a maloko a phathi ya gagwe. Mohwasa o tsweletse ka go sedimosa gore go tla bo go laleditswe gape le masika le ditsala fela ka kakaretso a lelwapa la ga Koma.Go solofetswe gape mabutswapele a diphathi tsa kganetso segolo bogolo ba phathi yone ya BNF.Mohwasa a re le setshaba sotlhe fela ka kakaretso se a lalediwa le go amogelesega kwa tirelong eo.Ditiragalo tse tsotlhe ke bontlha bongwe ja go ipelela dingwaga tse masome matlhano, BNF e ntse e le teng. Naledi e ne ya botsa Mohwasa gore ele BNF ga ba bone go le maleba gore puso le yone gongwe e ka nna le seabe mo go tlotleng Koma o ne a nna le seabe mo thutong ya lefatshe leno.

Fela Mohwasa,o fetotse ka gore ba ne ba ka rata gore go nne jalo fela ga ba kake ba pateletsa puso ya Botswana Democratic Party (BDP) go dira jalo. E re dikgang di eme jalo, Mohwasa o tlhaloseditse Naledi gore ba tla tswelela ka go tlotla mabutswapele a mangwe a phathi ya BNF.

Mohwasa a re e tla re bofelong ja Ferikgong ngwaga o tlang ba etele lebitla la ga Kgosi Gaseitsewe wa pele go baya dithunya mo lebitleng la gagwe.O tsweletse ka gore batla dira jalo gape kwa lebitleng la ga Daniel Kwele bofelong ja kgwedi ya Tlhakole.