Naledi

Ipeleng le bagodi-Moleboge

Moleboge
 
Moleboge

Se se senogile bosheng kwa Serowe, jaaka moeteledipele wa mokgatlho Botswana Civil Service Pensioners Association (BCSPA), Norman Moleboge a neng a buisa batsena moletlo o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa Botswana Civil Service Pensioners Association (BCSPA), jaaka o ne o ipelela letsatsi la bao ba ba tlogetseng tiro.

Moleboge a re ntswa lefatshe leno le tseetse puso go tswa kwa go Mmamosadinyana mo legoeleleng go sena dipatela, ditsela le dikole, badirelapuso ba jaanong eleng bagodi ba nnile le seabe se se tona sa go le tlhabolola.

O kgothaditse bagodi gore ba seka ba kgobega marapo ka go inyatsa mme ba tswelele ka go dirisa dikitso le boitsaanape jwa bone ka go tsenelela ditiro tsa setshaba. A re ba tshwanetse ba inaakanya le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, le go tsenelela diphuthego tsa kgotla go abelana maele, ka a re seo se ka isa lefatshe leno pele.

Mabapi le ipelelo letsatsi le, Moleboge a re go bothokwa go keteka letsatsi leo ngwaga le ngwaga ka a re seo se ka fa mabutswapele sebaka sa go abelana megopolo ka diemo le dikgwetlho tse di ba lebaneng go tokafatsa matshelo a bone.

O opeetse diatla puso ya lefatshe leno ka go tswa ka mogopolo wa go fa bagodi ditlamelo kwa ditirelong di tshwana tsa dibanka, dipatela, le diposo, gore ba thuswe pele, mme ba seka ba tsaya nako e telele mo meleng. Moleboge a re o swabisa ke bodiredi bongwe jo bo santseng bo goga dinao go thusa bagodi mme a re seo se mo maruding a bone e le mokgatlho go bona gore bagodi ba bona ditirelo tseo.

Ya re amogana ditso tsa BCSPA, Moleboge a bolela fa ko tshimologong ba bo bana le dikgwetlho tsa tlhaelo ya bodiredi le ofisi mme bogompienong ba kgonne go itshetela ka ba kgonne go fitlhelela letlhoko le.

Ipelelo moletlo o, ene e tshegeditse ka setlhogo se se reng, “Tswelela o itshetse mo botshelong ka ngwaga tsa gago”.

E ntse ele kwa moletlong o, Mookamedi mogolo wa PEEPA, Kgotla Ramaphane o kopile mabutswapele go tlhabolola matshelo a bone ka go dirisa mananeo a puso go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone. Ramaphane a re go dira jalo go ka thusa go thamela Batswana ditiro gammogo le go tsosolosa itsholelo ya lefatshe leno, e e santseng e kokonelwa ke manokonoko a kwelo tlase ya

E re ka ngwaga wa 2016 o atamela, ba BCSPA ba nnile sekao mo setšhabeng ka go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya sechaba ya 2016, ya go nna tshaba e kutlwelobotlhoko.  E abetse dikgotla tsa Serowe tse ditona, kgotla ya Basimane, Ditimamodimo, Maaloso le Maaloso a ngwana ditilo di le lesome, nngwe le nngwe ya tsone. E ne ele lantlha mokgatlho o o rulaganya ipelelo letsatsi le fa e sale o thamiwa ka 1998.