Naledi

Ba Oodi ba supa ngwao

 

Go ya ka monana Mogomotsi Mochine, go botlhokwa thata gore banana ba rutwe ka tlhwaafalo ngwao le botshelo jwa bogologolo, ka se se ka ba thusa go gola le go tshela sentle ntle le go tshela matshelo a ditshaba di sele.

A bolela gore kana batho ba bogologolo ba tshela dingwaga tse dintsi thata ka ntlha ya mokgwa wa bogologolo o a reng o ne o ba thusa go itshidila mebele, a tlhalosa fa bangwe ba bone ba santse ba tsamaya mesepele e meleele ka maoto.

Fela jaaka Mochine, banana ba ba neng ba tsene moletlo o, ba re ba ithutile go le gontsi mo bagolong ba bone, ba re gone le fa dinako di fetogile thata go tswa bogologolo, go botlhokwa gore ba rutiwe ka ngwao ya bone gore le bone ba tle ba e rute bana ba bone. Ba re ba kgatlhilwe thata ke go bona bagolo ba sila mabele ka kika le motshe. Fela jalo le ke metshameko ka go farologana ga yone, eleng seo ba lebogang thata bagolo ba.

Mo letsatsing leo, bagolo ba ne ba bolela le go supa didirisiwa tse ba neng ba tshela ka tsone, ba tlhalosa fa se e le thuto ya Sekgatla, Setswana se ba neng ba se rutwa ke batsadi ba bone ka nako ya fa ba gola kwa masimong le merakeng. Banana ba ne baa kola monate wa botshelo jwa Setswana go tloga fela ka go bona batsadi ba bone ba supa mokgwa wa go sila kgotsa go setla mabele ka kika le motshe, tiro fela e bangwe ba bone e neng e le lantlha ba e bona.

Basadibagolo le basadi ba ne ba supa kitso e le ya bone ya bogologolo ya go sila mabele ka kika le motshe, e go neng go bonala sentle fa ba ne ba e eja monate. Se se neng se kgatlha thata ya nna go bona basadi ba ba sila mabele mo kikeng e le nngwe ba feta bobedi ka nako e le nngwe.

Le fa metshe ya bone e hapaanela kika jaana, ga bo go sena dikgobalo dipe ka ntlha ya se, se e le go supa gore ba itse se ba se dirang ka e ne e le jone botshelo jwa bone jwa ngwao.

Metshameko ya bogologolo ya ngwao, jaaka mmele / mhele, diketo go tlola koi le tsone tsa bo di supiwa fa pele ga banana, gore ba itse gore bogologolo go ne go ntse gona le nako ya kwa mananeng kgotsa mantlwaneng go ijesa monate morago ga go dira ditiro tsa letsatsi tsa lelwapa.

Metshameko e, fela jaaka go sila mabele le mmidi e ne e dira gore batho ba itshidile mmele le ditlhaloganyo, se bagolo ba ba reng se ne se fokotsa go ka tsenwa ka malwetse a mmele ka go farologana, bogolo jang a pelo, sukiri le madi a matona.

E ntse e le mo go lone letsatsi leo, ka morafe wa Bakgatla o itsege thata ka kopelo e ntle ya ngwao ya one, go ne ga jewa monate thata jaaka mephato e ne e kgabisa kgotla ka mebala ya matlalo a diphologolo, a eleng kapari ya yone.

Fa mephato e ne e letsa le go duma ka dipina tsa yone tsa morupo tse Bakgatla ba di ratang thata fa ba utlwa di opelwa, ba duma jaaka ditau borara ba ikgakolola ka nako ya fa ba le kwa sekgweng go ithuta ditiro tsa banna le basadi.

Setlhako ba itaya se se sa itseweng ke mongwe le mongwe yo o iseng a ko a tswe ka motse go ya go itseela mophato. Fa ba itaya setlhako ka bokgabane jaana, megolokwane ya apesa lekgotla lotlhe go supa fa morafe o itumelela se o se bonang se.

Go tlatsa kopelo e ya borara jwa Sekgatla, dikhwaere le tsone tsa bo di le teng go natefisa letsatsi le, se se tlogetseng banana ka boitumelo ka ba ile ba bona gore se ba ntseng ba se bitsa kopelo ya segompieno, gase sepe fa se bapanngwa le ya Sekgatla ya bogologolo.

Go ne gape ga supiwa ditlhare tsa Setswana, kgotsa melemo e e neng e dirisiwa go alafa malwetse ka go farologana ga one, e gotweng e ne e sa palelwe ke bolwetse bope. Ga bo ga supiwa le yone e e neng e dirisiwa go tlhatswa lefatshe go bitsa pula.

Melemo e, go ya ka Rre Phatsimo Lucas, e ne e gasiwa ke motse otlhe go bolaya sefifi le leswe le le aperweng ke lefatshe. A re se se ne se dirwa ka taelo ya dikgosi go ya ka metse ya tsone.

Lucas a re, e ne ere morago ga se, pula e bo e na ka motse o le phepa, o phekotswe le gone go ntsha dibeela tsotlhe tse di neng di le teng. O ne a gatelela gore mokgwa o wa bogologolo wa go ipaakanyetsa pula, dikgosi di o ikgatholositse, kgotsa di latlhile ngwao.