Naledi

O falotse kgolegelo ya dingwaga tse di lesome

Koto o kgwele setšhwe morago ga gore Mmakaseterata Basetsana Keakantse a mo atlhole dikete tse tharo tsa dipula (P3000), le dithupa tse tlhano mo molato wa go tlhakanela dikobo le mosetsana yo o dingwaga di ko tlase ga lesome le borataro.

E ne e rile fa tsheko e simolola, Koto a seka a ipona molato ntswa a ne a rurufatsa fa a robetse le mosetsanyana yoo. O tlhalositse fa a kopane le mosetsanyana yoo, yo o dingwaga di lesome le botlhano (15) ka malatsi a keresemose ya ngwaga wa 2013 ko maitisong. A re o ne a mo kopa lorato mme a dumela kontle ga go tlhalosa dingwaga tsa gagwe. A re ene o ne a itse gore molao ga o letle gore bana ba tsamae maitiso segolo jang a marekisetso a bojalwa, dibara. A re o ne a tle a leletse mosetsana mo mogaleng wa ga mmaagwe, mme morago a mo rekela mogala gore ba kgone go bua sentle ka a ne a nna kwa polaseng e e kgakala le motse. Koto o tsweletse a rurufatsa gore o ne a tlhakanela dikobo le ene a itshireleditse mme ba ipoeletsa gape ba sa dirise khondomo.

Koto a re moso mongwe o ne a bona mmaagwe mosetsana a mo latetse mme a supa fa a sa itumelele botsalano jwa bone. A re kgang e ne ya kopanelwa ke bagolo mme ga dumalanwa gore ba kgaogane.

O boleletse lekgotla gore e rile morago ga dikgwedi tse tlhano, a lelediwa ke mapodisi a Khakhea ko a neng a feta a tlhalosediwa gore o imisitse ngwana le go lebisiwa molato. A re o ne a tlhokomela lesea le mmaalone yo jaanong a mo thusitseng go boela sekolong.

Koto o ne a tlhalosetsa lekgotla gore o gakgamadiwa ke gore a bo a tsisitswe fa pele ga lekgotla ka gore o tlhokomela ngwana gape tota ene o ne a tsieditswe ke mmele wa mosetsana a tsaya gore ke motho yo motona.

Fa a ntsha katlholo, Mmakaseterata Keakantse a re mosekisiwa le mongongoregi ke batsadi ba ba santseng e le banana mme ba tlhoka go godisa ngwana mmogo. O ne a tlhalosa gape gore makgotla a ditsheko a gakololwa go ela tlhoko dikeletso tsa sechaba, molao, ga mmogo le bokete jwa molato fa bantsha dikatlholo. A re go lebelelwa gape le mabaka a faphegileng a a ka dirang gore lekgotla le ye kwa tlase ga seelo se se beilweng.

A re mo mabakeng a, sechaba se ka seke gongwe se batle go bona bobedi joo bo kgaogane mme gape makgotla le one a seka a lebega e kare a ntsha dikotlhao a sa sekaseka mabaka a mangwe.  O ne a laela gore mosekisiwa a duela P3000 pele ga Sedimonthole a ya fifing mme fa a ka palelwa o tlaa ya kgolegelong ya dikgwedi tse di lesome le boferabobedi.

Mo godimo ga moo o tlaa ya go tlhatlhobiwa ke ba ngaka gore a o itekanetse go amogela dithupa tse tlhano, mme fa go sa nna jalo  o tla ya kgolegelong ya dingwaga tse thataro boemong jwa dithupa.