Naledi

Metsi a taka meno Mokaila

Mokaila
 
Mokaila

Ke ne gape kere kwa Mmatshumo gone, ga ke ise ke bone dikai tsa gore meno a bone a takiwa ke metsi a ba anwang” A ke mafoko a ga Kitso Mokaila, Tona wa Lephata la Ditswammung, Kgotetso le Metsi jaaka e ne a tsibogela ngongorego ya ga Sedirwa Kgoroba, Mopalamente wa Mogoditshane, morago ga gore a kope Motsamaisa dipuisano tsa palamente Gladys Kokorwe, gore a kgaleme Tona Mokaila go bo a re batho ba Mogoditshane ba meno mahibidu.

Ngongorego ya ga Kgoroba ene e gwetlhwa ke potso e eneng e boditswe ke Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Sethomo Lelatitswe, yo aneng a batlile tona go itsese palamente ka seemo sa metsi a a nowang a motse wa Mmatshumo.  Ya re a araba, Tona Mokaila a tlhalosa fa seemo sa metsi a motse oo, se siametse go re metsi teng a ka nowa ntswa gone a na le kalaka.

Mokaila a re ntswa metsi a ana le kalaka, mme gone a mo seemong sa seelo se se letlelesegang sa boleng jwa metsi goya ka lekalana la BOBS.

A re fa ene e se gore gona le ditiro tse dingwe tse di tlhokang go tsibogelwa ka bofefo, jaaka go nosa mafelo a gotlhelele a tlhaelelwang ke metsi, kgato e ne e ka tsewa go tokafatsa seemo sa metsi a kwa Mmatshumo, a bolela fa gone batla tsibogela seemo se.  “Selekanyo sa kalaka mo metsing a kwa Mmatshumo gase se se kalokalo mme tota ka fa tshwanelong batho ga ba tshwanela gonwa metsi a teng sebaka se se leele, mme fela a ka nowa ke mongwe le mongwe go akaretsa le bone baimana,” a tlhalosa jalo Tona Mokaila.