Naledi

Ngwao ya Karakubis e gasitswe phefong

 

Mo malatsing a mabedi a, batsayakarolo go tloga fela ka bagolo le banana ba ne ba supa fa motse o wa Karakubis o humile thata ka ngwao jaaka bagolo ba ne ba bolela le go tlhalosa ditso tsa Karakubis, tse ba reng banana ba gompieno ga ba di itse. Ba ne ba re ba dira jaana gore ere kamoso banana ba e setse e  le bagolo ba di rute dikokomana tse di tlang kwa morago ga gone, ba gatelela fa Karakubis e le motse o o nang le letso la merafe ka go farologana.

Se go boletswe fa se dira gore baagi ba Karakubis ba bo ba bua diteme kgotsa dipuo tse di farologanyeng, mme se se sa kgoreletse ka gope go aga mmogo ka lorato le kutlwano e e kwa godimo. Mme ebile go sena bape ba ba nyatsang batho ba letso le sele.

Mogolwane wa lephata la Banana, Metshameko le Ngwao kwa Gantsi, Mme Mogaja, o boletse fa ngwao e le botlhokwa thata, eleng seo go tshwanetseng gore merafe yotlhe e tsosolose dingwao tsa yone. A re lephata la gagwe le eme ka dinao go thusa botlhe ba ba eletsang go dira jalo. A re puso e seegetse madi thoko go rotloetsa meletlo le ditiro tsotlhe tse di amang ngwao ya Batswana.

Morulaganyi wa letsatsi le, yo eleng monana wa Karakubis, Veronica Diva Vebrok Brooks, o ne a bolela fa ba ne ba bona gore ditso le ngwao ya motse wa bone di a nyelela. Se a re se ne sa ba utlwisa botlhoko thata ka jaanong ba ne ba patelesega go taboga le dingwao tsa merafe e sele. A re ba ne ba bona go le botlhokwa thata gore ba eme ka dinao, ene le molekane wa gagwe Segametsi, go thusa mo go tsosoloseng le go bolokeng ngwao ya bone. Brooks o ne a gatelela botlhokwa jwa gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse go ikitse le go itlhaloganya, ka se e le sone se se ka bonalang e le motlhala wa gagwe fa batho ba mmona kgotsa fa a ipolela. A tlatsa ka gore ka e le motho yo o tsamaileng dikgaolo le mafatshe ka bontsi, o lemogile fa ditshaba dingwe di le motlotlo thata ka gore di tlholegile jang, kae go diragalang, ba baya segabone kwa pele ga sengwe le sengwe. A re disupiwa tsotlhe tse di neng di supiwa, go tloga fela ka didirisiwa tsa morafe, diletso, meaparo, mmino le dijo tsa morafe wa Karakubis di supa sentle gore bagolo ba santse ba itlhaloganya fela mathata e le gore ga gona yo o ba rotloetsang go tswelela ba ingangatletse ka segabone. A ba kopa gore ba rate segabone le go se tlotla thata, bogolo jang banana ba tota eleng bone ba ratang thata go nyatsa le go tlhobosa ngwao ya lefatshe le, mme ba tabogile le tsa mafatshe a sele. Ditlhopha tsa mmino ka go farologana, bogolo jang tsa mmino wa setso tsa Karakubis le metsi e e gaufi di ne tsa natefisa moletlo o jaaka le tsone di ne di supa ka tlhwaafalo fa di santse di tshegeditse segologolo ka kopelo ya tsone. Moopedi yo o rategang thata Captain Dira le ene  o ne a nna teng go supa gore ga se mokapotene ka phoso, jaaka a ne a letsa legalapa go utlwala go neela batsenamoletlo se ba neng ba se solofetse mo go ene.

Kgosi Bothake Botsheke o ne a leboga thata banana ba, a re o motlotlo thata ka bone.