Naledi

Paakanyo ya ditsela di tsweletse sentle

Moanamisa-mafoko wa khansele ya Gaborone, Ethel Koma, o ne a lekodisa Naledi beke eno gore dingwe tsa ditsela di setse di baakantswe.

Koma a re go ne go tlhophilwe ditsela dingwe tse di neng di le mo seemong se se maswe thata ebile di sa tsamaege bonolo.

Dingwe tsa ditsela tse di setseng di baakantswe ke ya modikolosa kgotsa sekele ya mmadikolo, tsela ya New Lobatse gammogo le makopanelo( Junctions) a ditsela tsa Nelson Mandela le Molepolole magareng ga tse dingwe. Koma a re matshwao a tsela le metako fela e mengwe e botlhokwa mo ditseleng e setse e dirilwe.

Koma o ne a tswelela ka gore go na gape le thulaganyo ya go dira ditsela dingwe ka mokgwa wa segompieno.

Mokgwa oo, ke wa magokaganyane a ditsela oo tlhwaelesegileng kwa mafatsheng a sele. Mono gae bangwe ba setse ba o bitsa ka maina a tshwana le ‘spaghetti’.

Go solofetswe gore thulaganyo e e, emisetse modikolosa wa ditsela tsa KT Motsete fa e kopang teng le ya New Lobatse ( Game City Circle), le tse di tlwaelesegileng ka Rainbow Cirle le BTV Circle.

Thulaganyo e e direlwa go tlhofofatsa motsamao wa dikoloi.

Koma o supile fa ba lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsano ba neetse bommantswitswidi (consultants) bangwe tiro ya go dira moalo wa thulaganyo eo. Go solofetswe go re moalo oo, e nne kaedi ya gore matswakabele a ditsela tseo a nne ka sebopego sa mohuta ofe.

Dipaakanyo tse di tla morago ga gore ratoropo wa Gaborone , Kagiso Calvin Thutlwe, a supe fa seemo sa ditsela tsa toropo di le mo seemong se se sa siamang. Go ne ga tlhalosiwa gape fa Thutlwe a ne a kopana le tautona Lt General Ian Khama go mo lekodisa ka seemo se magareng ga matshwenyego a mangwe a a mo tshwentseng ka toropo ya gagwe.