Naledi

Boramabole ba supa kgolo

Bo mmamabole
 
Bo mmamabole

Go ne go kopane boramabole ba mono gae le ba Aferika Borwa. Kgaisanyo e , e ne e le ya botlhano ya mabole aa duelelwang; e rulagantswe ke ba Bond Boxing Promotions.

Dintwa di ne di le tlhano ka palo. Ntwa e ne e solofetswe thata ke ee neng e kopantse Patrick Seoko wa mono gae le Morapedi Khotle wa Aferika Borwa. Fela, boramabole ba ba kwa tlase le bone ba ne ba ntsha gatshwene.

Ntwa ee neng ya kgatlhisa le go feta, ya letsatsi ke ee neng e kopantse Tshepiso Mokgadi le Tshephang Babui ba Gaborone. Ntwa e e ne e le yone ya ntlha ya letsatsi; bokete ja 66.6 kg (Welterweight). Babui o ne a ntsha mabole aa neng a le matshosetsi. Fela, bontsi ja one a ne a wela mo tshireletsong ya ga Mokgadi.

Mokgadi o ne gape a na le botsipa jo bo tseneletseng ja go relela gore mabole a ga Babui a seka a mo fitlhela. Mabole a ga Mokgadi bontsi ja one a ne a wela sentle mo go Babui yo le ene a neng a sa ineele motlhofo.Mokgadi o ne a fenya ntwa eo ka 40-36, 40-36 le 39-37.

Fela, Tefo Letshikgwane wa mono gae a bo ele ene ramabole yoo neng a tswisa pelo le go feta mo letsatsing.Letshikgwane o ne a itirela boithatelo ka Elijah Khanyele wa Aferika Borwa.Ntwa eo e ne ele ya bone ya letsatsi; bokete jwa 53.5 kg(Bantam Weight).

Ntwa eo e ne ya tshwanelwa ke go ema sebakanyana pele ga e ka simolola. Se se tla morago ga gore pula e tsorotle mme e tlhagelele ka marulelo a ntlo lehalahala ya khansele.Metsi a ne a apesa serala sa boramabole mme ga tshwanelwa ke gore e letlwe e kgaotse. Morago ga sutlhwa serala boramabole ba tswelela ka go ntshana bonkane.

Letshikgwane o ne a simolola fela motho o bona maikaelelo a gagwe. O ne a itirela boithatelo ka Khanyele yo le ene a neng a etla a ikarabela fa a bonang phatlha teng. Boramabole ka bobedi ba simolotse ekete ba tlaa lekana ka mashetla. Fela, mabole a ga Letshikgwane a simolola go supa fa a le bokete mo go Khanyele.

E re ntswa boramabole botlhe ka bobedi ba ne ba etla ba relela ka ntlha ya go koloba ga serala ke metsi a pula, mabole a ga Letshikgwane a ne a digela Khanyele fa fatshe mme a tloga a tsoga. Mabole a ga Letshikgwane a ne a lebagane mme se se dira gore a tsenye dintlha motlhofo.Khanyele o ne a leka go tsoga ka tikologo ya bofelo mme Letshikgwane o ne a fenya ntwa eo ka 40-36 baatlhodi botlhe ka boraro.

Ntwa e nngwe e ne ele magare ga ga Mmilili Khutshwane wa Selebi Phikwe le Thapelo Molatlhe wa Jwaneng. Ntwa eo e ne ese maswe mo go kalo mme Khutshwane bontsi ja sebaka o ne a lebega ele motho a fekeetswa ke letsapa. Molatlhe o ne a gapa ntwa eo ya Flyweight ka 37-39,37-39 le 36-40.

Levar Omar  wa Gaborone mme a tlholega kwa Bahamas, o ne a falola ka tshoba la mogodu mo go Yamodimo Baitshepi wa Selebi Phikwe. Baitshepi o ne a botsa Omar dipotso tse di neng di gana go fela ka mabole a gagwe a a bokete mme baatlhodi ba felela ba laotse fa Omar a gapile ntwa eo ka 39-36,39-37 le 39-36.Ntwa eo e ne ele ya Welterweight( 66.6 kg).

Ntwa ya bofelo ya ‘dikgagaripa’ e ne ya fenngwa ke Seoko ka 38-38,38-37 le 40-35. Seoko le Khotle ba bokete ja 57.1kg (Featherweight), botlhe ba ne ba supa fa ba na le maikaelelo a go fenya ntwa eo.

Fela, mokatisi wa ga Seoko le Omar, Bond Ngubula, o ne a re ntswa Omar le Seoko ba fentse, gona le matsipa mangwe a ba santseng ba tshwanetse go a tokafatsa. Ngubula o ne a re o diretswe letsatsi ke Letshikgwane le Mokgadi ba a reng ba supile kgolo e tona fela thata mo go lweng ga bone.

Fela ka kakaretso Ngubula o gape e neng ele morulaganyi wa dintwa tseo a re o itumeletse  ka fa dilo di tsamaileng ka teng lefa go ne gona le sekgoreletsi sa pula. O ne  a re ba tlaa tswelela ba tshwere ka natla go fitlhelela ba goroga fa ba batlang teng.O ne a kopa le barotloetsi go tswelela ba inaakanya le motshameko wa mabole gore o gole mo lefatsheng leno.