Naledi

Makhwengwe gaana kakgelo

Le ka nako ya medumo ele ya gore a katise setlhopha sa Gaborone United le fa e santse e le mohiriwa wa Botswana Football Association (BFA) , Makhwengwe o ne a itlhophela go itidimalela. Morago o ne a fenya sejana sa bofelo sa Coca Cola mme a tloga a boela kwa BFA.

Nnyayaa, tsa matlhale a sekatisi tsone o ka tlhola a di bua tsatsi lotlhe. Le ka tlhaba la ba la phirima a bua bolo ka puo ya gagwe e tshume e bile e nonne.

Fela, e ne ya re maloba a tsogelwa ke medumo gape. O ne a seegelwa fa thoko ke mohiri wa gagwe BFA. Makhwengwe ke mongwe fa  ese ene modiredi wa lekgotla leo ka sebaka se se leele a le mo go tsa setegeniki. Le fa dikgang di ne tsa seka tsa tswa di tlhapile sentle ka nako eo, dikgang tsa dinonyane di ne di supa fa Makhwengwe a ne a ipelaetsa ka dithutego tsa mookamedi wa setegeniki kwa BFA, Benny Kgomela yo eleng gore ene Makhwengwe, o ka fa tlase ga gagwe. Makhwengwe o ne  a seegelwa fa thoko le mookamedi wa gagwe Kgomela.

Fela, ka seno sebaka Makhwengwe le Kgomela ba boetse tirong golo gongwe kgwedi e fetileng. Go tlhalosiwa fa Makhwengwe a ne a neelwa lekwalo la kgalemo la ‘bofelo’ le go kaiwang fa a ne a le kwalelwa ke mookamedi wa gagwe yo ba neng ba seegetswe fa thoko mmogo.

Naledi e ne ya itshwaraganya le Makhwengwe bosheng go leka go utlwa maikutlo a gagwe ka ditiragalo tse. ‘Dr Phil’ jaaka bangwe ba mmitsa,o ne a solofetsa gore o tla bua le lokwalo-dikgang leno mme ka bofefo ja legadima malatsi a seekae a tloga a supa fa a sena go ntsha kakgelo epe mabapi le kgang ya gagwe.

“Leletsa motlhokomedi wame Mabua Motsamai kana mogolwane wa me (Kgomela)” , Makwengwe a romela molaetsa ka motsotso wa bofelo. Fela gore a molaetsa wa ga Makhwengwe ke bokao ja ngwana a utlwile molao kana ke go thibela dikgang gore di seka tsa mo apara gape, nako e tla bolela.

Maiteko a Naledi a go bua le boeteledipele ja BFA ka nako ya pego e e kwalwa a ne a seka a atlega. Fela mookamedi yo mosha wa lekgotla leo, Kitso Kemoeng, o ne a supa maloba fa a buisa bobegakgang morago ga malatsi a gagwe aa lekgolo mo tirong gore o tla letsa sekwete mo go mongwe le mongwe yoo ka tswang mo tseleng kwa lekgotleng la BFA. Fela, gone ditiragalo tsa kwa BFA ga di gakgamatse ka tota ele lekgotla le le tswang kgakala le tlotlisitse ngwao ya go tsogelwa ke medumo le dipuo. Kemoeng yo bontsi bo lebeletseng gore a o tla kgona go phepefatsa BFA go lebilwe maitemogelo a gagwe a botsamaisi ja metshameko, o ne a seka gape a tsena mo dintlheng tsa kgang ya ga Makwengwe le Kgomela.