Naledi

Mabote, Butale ba na le kgwetlho

 

Mabote yo o ntseng a itlhomile kwa setlhoeng sa BTTA ngwaga e e fetileng, o ne a seka a batla go tlogela sepe kwa morago ngwaga e e fetileng jaaka a ne tsenelela batshameki ba bangwe ba banna go ba sobotlha botlhoko go fenya liki ya CELIAT, BTTA. 

Mabote o ne a supa gore gaa kwa setlhoeng sa loko ya banna ka phoso, mme ka boammaaruri e le mokaloba wa motshameko o wa Ping Pong, mo a ileng a felela a gapa bosimega.

Butale le ene o ne a lwa ka gotlhe go supa kitso ya gagwe ya motshameko o, a mekamekana le batshameki ba bangwe ba basadi ba ba itseng motshameko o thata, gareng ga bone go le Matshediso Oosi, Tshepiso Rebatenne, Phemelo Gaborapelwe. Le fa liki ya basadi ya ngogola e ne e le thata ya lentswe, Butale o ne a felela a lole jaaka nare e golafetse, mme a tlhomamisa gore o itlhoma kwa setlhoeng sa loko fa liki ya CELIAT, BTTA e ya bokhutlong. Jaanong ka liki ya monongwaga e tsweletse ka thotloetso ya kompone ya CELIAT jaaka ngwaga o o fetileng, batshameki ba supa fa ngwaga ono o le o o pharologanyo ka ba tla ba sosobantse diphatla go lwa ntwa e e matlho mahibidu.  Mongwe le mongwe o batla gore e re phala ya bofelo ya go fetsa liki, a bo a itlhomile kwa setlhoeng sa loko ya banna le basadi go leba gae e le ene mofenyi yo go tla a sekeng go nna ope yo o belaelang.

Go tsena ka mashela mo liking ya monongwaga, mo matlhakoreng otlhe a banna le basadi go lebega go tla a dira gore ditshimega tsa ngogola, Mabote mo banneng, le Butale mo basading ba lebanwe ke kgwetlho e e thata.

Ba tshwanetse go itse sentle fa go sena jaaka liki ya monongwaga e ya go nna bonolo, bogolo jang ka batshameki botlhe ba eletsa go ipona ba kanamisitse ditshemega tse, eleng seo go tla itumedisang thata go bona jaaka ba leka go thibela bogale jo bo tlang.