Blogs

Lesufu ga se serope

Thulaganyo ya tswelela. Dipotso tsa bodiwa go tswa kwa le kwa. Bareetsi le bone ba letsa go iteka lesego.  Ba araba, bangwe ba latlhega ba fosa, ba bangwe ba araba sentle, ba tshwara. Fa thulaganyo e ntse e tsweletse, ga tla potso e bodiwa ka Sekgoa, e batla go itse gore ke karolo efe ya kgomo e e bidiwang lesufu. Go araba potso e, yo o neng a bodiwa a re ke serope; a raya gore karolo ya kgomo e e bidiwang lesufu ke serope. Karabo e, e ne ya amogelwa, ga tsewa gore e arabile potso sentle. Go bo go raya gore, motho yo o neng a araba, ka o tshwere, o tshwanetse go itlhophela pina e a tlaa e tshamekelwang. A dira jalo a e tlhopha. Thulaganyo ya tswelela dipotso tsa nna tsa bodiwa. Bareetsi le bone ba nna ba latela ba araba.  Bangwe ba latlhega ba fosa, ba bangwe ba araba sentle, ba tshwara.

Ka fa Mmualebe a e bonyeng ka teng, thulaganyo e ke thulaganyo e e monate. E leka go bona gore a batho ba ela dilo tlhoko le gore a ba itse tse di diragalang mo gare ga bone. Golo gongwe e ka ruta ya ba ya kgothatsa batho go ela dilo tlhoko. Mme fela selabe sengwe ke sele. Go bona selabe se, a re botse gore, fa karabo e re karolo ya kgomo e e bidiwang lesufu ke serope, a e nnete? A o dumalana le karabo e? Ke eng o dumela jalo? Mmualebe ene a re, nnyaa, potso ele ga e a arabiwa sentle. Gore re tle re tlhaloganye gore ke eng re re potso ele ga e a arajwa sentle, a re re re kwa kgotleng go tlhabilwe kgomo. A jaanong re bone gore fa kgomo e sena go tlhabiwa (bolawa) go dirwa eng/ jang ka yone.

Kgomo e a tlhajwa, e re e sena go tlhajwa, e buiwe e bo e ntshiwe mateng. Go tswa mogodu, mala, sebete le tse dingwe fela jalo. Morago ga go ntsha mateng, e a rathwa; ke gore e kgaoganngwa ka dirwe gore e tle e rwalelwe kana e tseelwe sentle kwa lwapeng. Go tswe lebogo, serope, sehuba, motlhana le tlhogo. Dirwe kana dikarolo tse jaaka re itse di na le marapo. Marapo a, a bidiwa ka maina a a farologanyeng fela jaaka dikarolo tsa mmele mongwe le mongwe.

Fa kgomo e le ya modiro, lenyalo kgotsa loso, e a re e sena go tsena kwa lwapeng, e begelwe bagolo mme ba e rebole gore e apewe. E tsene mo dipitseng go apewe. E butswe go tsholwe go jewe. Mo lenyalong le mo losong, gantsi fa go tsholwa, go nna le marapo a a salang a na le nama. Ke gore e se marapo a masweu fela, e le marapo a a nang le nama mo go one. E a re letsatsi le le le latelang, morago ga tiro, marapo a, a jewe mme go twe a a kokonwa. Mangwe a neelwa banna kwa kgotleng, a mangwe a neelwe basadi kwa lwapeng go a kokona. Marapo a ke one masufu le mesetlatshe. Masufu a jewa ke banna fa mesetlatshe e jewa ke basadi.

Jaanong  a re boele potso ele e e neng e re ke efe karolo ya kgomo e e bidiwang lesufu. Re rile, karabo e ne ya re ke serope. Re bile gape ra re, le fa karabo e ne ya amogelwa, tota e ne e se karabo ya nnete. O tlaa botsa gore jaanong karabo ya nnete ke efe. Karabo ya nnete ke gore serope ga se lesufu ke serope. Go ntse jalo, go felela fela foo. Go bitsa lesufu o re serope o a fosa.

Fa kgomo e sa ntse e tshela, e na le maoto a kwa pele le a kwa morago. Fa e sule, maoto a, ga a sa tlhole a bidiwa maoto. A bidiwa dirope le mabogo; lebogo e le leoto la pele, serope e le la morago. Mo teng ga lebogo le serope, go na le lerapo le le kwa godimo le le le kwa tlase. Lerapo le le kwa godimo ga serope kgotsa lebogo la kgomo, ke lone lesufu fa le le kwa tlase lone le bidiwa mosetlatshe.

A re se tsietsege ra bitsa lesufu serope. A re itse gore lesufu ke lerapo le le mo teng ga serope. Ga se kgomo fela. Phologolo nngwe le nngwe, le ene motho tota, e na le masufu. Nako nngwe e a re fa motho a jele sentle, dijo di mo dumetse, a itekanetse, go twe o masufu, go raya gore o tiile.motshwanes@yahoo.com