Blogs

A re go ja eng? (1)

A dira jalo, bangwe ba latlhege ba se ke ba tlhaloganye, kgotsa, ba utlwe sentle gore tota a reng. Jalo he, e tlaa re gompieno re bue ka lenatetshapuo la, papisapuo ya, go ja go utlwa gore fa Motswana a re go ja ….. o a bo a raya eng. E a re Motswana a natefisa puo a re go na le go ja nala. A raya eng? Go bua jalo Motswana o a bo a raya go eta. E le sekai a re re, Pupudu ke yoo, o sale a tsogile mme ka bana ga ba yo, a tlhola fela mo ga gagwe a le nosi. Jaanong, go utlwa a jewa ke bodutu, ke yoo o a ema, o tswa ka kgoro, o wela tsela o leba ga Tsotsojane, Gone foo, Seopana o a mmona, o mmotsa gore o ya kae. Fa a mo araba Pupudu o raya Seopana a re o ia nala, o jela nala kwa ga Tsotsojane, Go utlwa karabo e, gongwe mongwe o ka hakgamala a botsa gore nala ke eng, e jewa jang. Gape, ke eng Seopana a re o e jela kwa ga Tsotsojane a sa e jele mo ga gagwe. Go araba, Motswana a re nala ga se dijo, ga se sepe se se jewang. A re, gore Pupudu a bo a re o jela nala kwa ga Tsotsojane, o raya gore o a eta, o etela Tsotsojane. Mme gone fa, bangwe ba latlhege. E re ba ka bo ba re go ja nala, ba re go ja e nala. Re re, nnyaa, ga se go ja e nala, jaaka o setse o bonye, ke go ja nala. E re a ntse a tsweletse a natefisa Setswana, Motswana gape a re go na le go ja dikgang. A raya go bua, go tlotla le go tsaya dikgang jaaka gape Setswana se bua. E ntse e le sekai a re re, ke yoo a goroga kwa ga Tsotsojane. Go bona tsala, Tsotsojane a itumela thata mme a tla ka dijo ba nna fatshe ba a ja. Fa ba sena go ja, ba bua ka sele le sele. Dingwe tsa dilo tseo e le ditiro tse ba neng ba di rongwa ba sale bana le metshameko e ba neng ba e tshameka jaaka koi, diketo kana go keta, Mmampudulele, le e mengwe metshameko ya nako eo. E tlaa re Pupudu le Tsotsojane ba ntse ba bua jalo ka sele le sele, Motswana a re ba ja dikgang. Go nne jalo, di jewe dikgang go nne monate thata mme tsone di sa tsene ka legano jaaka dijo, di tswa ka legano. A nne a fetele pele Motswana mme gape a re go na le go ja bobe. Gone e le eng? Se e le go ja thata, kana, gantsi. Motho yo o jang bobe ga a je dijo tse dintsi a di fetse gone foo. Yo o batla gore nako le nako, tsatsi lotlhe, a bo a ntse a latlhela sengwe mo ganong, a a ja. Go sale foo, e re Motswana gape a bua ka motho wa go nna jalo, a re yoo, o batla go tlhola a lepalepanye le dijo, le go ja. Go buiwe jaana ka motho yoo a sa batle go nna a sa je. Godimo ga go ja bobe Motswana a re go na le go ja mosusumpelo. Gone fa, o bo o ka botsa gore pharologanyo fa gare ga go ja bobe le go ja mosusumpelo e bo e le eng? Pharologanyo e nne gore, jaaka re setse re kaile,, motho yo o jang bobe ga a je dijo tse dintsi a di fetse fela gone foo. Ene o batla gore gangwe le gape a bo a ntse a latlhela latlhela sengwenyana mo ganong, a itshidila ditlhaa, e seng go nna fela a momile molomo. Mme yo o jang mosusumpelo ene o ja dijo tse dintsi gone fela foo a fetse. Yo, ga se yo e reng o mo fa o re o a mo tlopolela kana o a mo ngathela. Ene o batla gore o mo tsholele go bonale. O ja mo a ka jang mogopo wa batho ba le babedi, bararo, a o fetsa mme e re a tswa foo, a bo a kgotshe thata. A jele, a kgotshe mo go ntseng jalo, ke gone Motswana a tlaa reng motho ga a a ja o susumpetse; o jele mosusumpelo. Ka mpa e ngamogile, e gompetse, ke gone bangwe ba tle ka leina ba re motho ke Segompo. A nne a tswelele a natefise puo Motswana mme a re go na le go ja mosekelampeng. Re itse gore, malatsi ano, re dira ditiro tse dintsi ka madi re a adimile. E re o a dirisitse e nne gone fa o a jele. Gape, ka o a adimile o tlamege go a busa, go a duela. Kgang e tswe gone fa. O jele jaanong duela, sekela se o se jeleng se se mo mpeng ya gago. Motlha mongwe go nne thata go bo go tsoge kgang ya gore motho ga a kgone go duela madi ale mme e nne one mosekelampeng tota. Go nne go fetele pele mme Motswana a re go na le go ja motho nko e sa butswa a raya go gakalela motho thata. E tlaa re Kitimetso a gakaletse Tshikarelo e bile a batla go mo tsaya ka tse di jang, Motswana a re Kitimetso o batlile go ja Tshikarelo nko e sa butswa. Ke tseo di jewe se natefe Setswana.