Naledi

Re tsibogetse melala - Makgalemele

Makgalemele
 
Makgalemele

Tona Makgalemele o buile se fa a araba potso kwa palamente bosheng. A re ofisi ya gagwe e ntshitse taelo ya gore go tlhwaafalelwe go wetsa dikopo tse di saleng di kwadisiwa le go sekwasekwa go abelwa ba ba lebaneng dithuso.

Makgalemele a re go fefosa tiro go thapilwe balomaganya ditiro tsa lenaneo la Nyelesto Lehuma bale lesome le bone (14) ba ba tlaabong ba netefatsa gore bakopi botlhe ba a thusiwa le go rutuntshiwa. Mme seo se tlaa dirwa pele ga ngwaga wa madi wa 2015 o fela.

“Lephata lame le setse le simolotse thulganyo ya go akaretsa banaleseabe go thusa mo go rutuntsheng bakopi mme ebile re tsweletse ka go tlhofofatsa theko le thekiso ya tseo di tla tlhokwang ke bakopi,” Makgalemele a tlhalosetsa palamente jalo.

O tsweletse a bolela fa maikaelelo ele go nyeletsa melala gore morago lephata la gagwe le tswelele ka go thusa bakopi ba basha go nyeletsa lehuma le le ba okameng.

Makgalemele o ne a araba potso e boditswe ke Mopalamente wa Kanye Borwa, Abram Kesupile, yo a neng a batlile go itse gore, a tona o itse fa lenaneo la Nyeletso Lehuma le satswe tema kwa kgaolong ya gagwe. Kesupile o ne a boditse tona gape gore, a o itse fa maiteko a gagwe jaaka ele mopalamente wa kgaolo, a go lopa dikarabo tsa gore ke eng batho ba kgaolo ya gagwe ba diegetswe go sekasekwa, go rutuntshiwa le go thusiwa ka ditlamelo tse ba di kopileng a iteile sefololetse. O ne gape a kopa tona go tlhomamisa fa gore banni ba kgaolo ya gagwe ba tlaa thusiwa pele ga ngwaga wa madi wa 2015 o wela. A re melala e ama bakopi ba dingwaga tsa go simolola ka 2012.