Naledi

ESP e ka godisa tshenyetso setshaba � BCP

Keorapetse
 
Keorapetse

“Ba ipaakanyetsa go utswa madi a rona” , Keorapetse a buile jalo kwa ngangisanyong ee neng e rulagantswe ke University of Botswana Political Science Society ka lone lenaneo la go tsosolosa itsholelo. Keorapetse a re ke mogopolo fela wa batho ba batla go gopela itsholelo le go senya madi.

Mopalamente yoo wa Selebi Phikwe Bophirima a re lenaneo le le tla ka nako e go senang melao ee lwantshang tshenyetso setshaba. O nankotse molao o tshwana wa go loma tsebe fa motho a bona tshenyetso setshaba, molao wa go letlelelwa go bona kitso, le wa go rola dithoto mo setshabeng ga baeteledipele. Keorapetse a re lenaneo le gape le ka nna la rotloetsa badirelapuso ba ba le berekang go ipha ditiro (Insider Trading).

“ Ga gona maitlamo ape a a tlhapileng” ga tswelela Keorapetse a tlatsa ka gore le gompieno jaana go santse go sena le fa ele dintlha ka botlalo ka lenaneo leo. Keorapetse a re puso ya Botswana Democratic Party (BDP) e na le ngwao fela ya mokgwa wa go tlhoka go ipeela dielo gore go nne thata go ba tshwara ka mafoko. A re o ipotsa gore ke eng re tshwanetse ra dumela gore gompieno puso ya BDP e tla tsosolosa itsholelo jaaka ba bua, ba setse ba sentse madi le go palelwa ke go dira ditiro tse dintsi tsa setshaba tse di sa felang ka nako.

Keorapetse a re bone ele BCP ba dumela fa go tshwanetse ga nna le tlhabololo ya mafaratlhatlha a itsholelo (industrialization). A re se se  ka dirwa ka go dirisa ditswammung gore di solegele benggae molemo. A re ditswammung tsa lefatshe leno di ntse di direla batho ba mafatshe a sele ditiro ka di tlhotlhiwa le go dira didirisiwa kwa mafatsheng ao.

Mopalamente wa Mogoditshane, Sedirwa Kgoroba wa Umbrella for Democratic Change (UDC), ene a re setshaba se seka sa makala fa itsholelo ya lefatshe leno e ka nna maswe le go feta morago ga lenaneo leo. Kgoroba  o ne a dirisa lefoko la sekgoa la ‘transformation’ a re bone e le UDC ba dumela gore lefatshe leno le tlhoka phetogo ya tsamaiso ya itsholelo. Kgoroba a re o ipotsa gore fa puso ya BDP e palelwa ke ditogamaano tsa madi a tlwaelo, setshaba se ka tshepha jang gore ba tlaa dirisa a mangwe sentle.

Fela, Lawrence Ookeditse wa BDP,  a re go ne go tlhokafala gore puso e tokafatse seemo sa itsholelo morago ga gore e wele tlase lefatshe ka bophara. Ookeditse a re le tsone diteemane tse di ntseng di tsenyetsa lefatshe leno madi theko ya tsone ga e sa tlhola e nametsa.

O tsweletse ka gore bone e le phathi ee busang ba na le tiro e ntsi ya go tlhamela batho ditiro, go nyeletsa lehuma le gone go tokafatsa seemo sa thuto le botsogo. A re ke sone se ba batlang go tsaya madi mangwe kwa dipolokelong go fefosa ditiro tseo.

Ookeditse a re o badile maitlamo a diphathi tsotlhe tsa kganetso pele ga ditlhopho tse di fetileng mme botlhe ba dumalana le gore itsholelo e tshwanetse ya tsosolosiwa. O ne a  fetsa ka gore ga go boammaaruri gore lenaneo le ke la batho bangwe. Mme a tlhalosa fa le tlaa phatlaladiwa lefatshe ka bophara le dikgaolo tsa botlhophi.