Naledi

Diva Vebrok o itatlhela mo sepolotiking

Vebrok
 
Vebrok

Mo puisanong le Naledi maabane, Diva Vebrok a re ka na batho ba le bantsi ba mo amanya thata le Mochudi, Kgatleng, ntswa ene e le motho wa Gantsi ka ke gone kwa raagwe a tswang teng, fa kwa Mochudi e le kwa go tswang maagwe. “Ga ke motho wa Mochudi, ke tswa Karakubis nna, Mama ke ene a tswang Mochudi, eseng nna,”Diva Vebrok o tlhalosa jalo a le motlotlo ka legae la gagwe.

Fela o gatelela gore o goletse kwa gabo raagwe, kgotsa kwa ga bone, kwa baagi ba teng ba mo itseng fela thata, ebile e le bone barotloetsi bagolo ba mmino wa gagwe ka e le morwaraabone yo ba mo godisitseng, kgotsa bangwe a godile le bone.

Gore ka a ntse a dira sentle fela ka go kgwa ka tlhaa le go letsa magalapa mo mminong, polotiki yone e mo tswela fa kae, Diva Vebrok o ile a tlhamalala fela go bolelela Naledi fa a godile a ntse a sala polotiki morago, bogolo jang ya kganetso kwa Puo-Phaa(BNF).

A tlatsa ka gore kana tota le one mmino e ntse ke sepolotiki ka motho o kgona go romela molaetsa mongwe le mongwe ka kopelo ya gagwe, se a reng se mo thusitse thata go gola jaaka lepolotiki.

O bolela gore gone le fa a ntse a sala polotiki morago, a tlhopha ka nako ya ditlhopho, o ne a ise a akanye go inaakanya le yone ka go nna ntlhopheng, mme a tsena mo go yone ka baagi ba Karakubis ba le bantsi ba mo kopile thata go tla go ba emela kwa khanseleng.  “Baagi ba motse wa me ke bone ba nkopileng gore ke tle go emela ditlhopho gore ke ye go nna moemedi le mmueledi wa bone kwa khanseleng, mme morago ga go gana sebakanyana, ke bona go le botoka go araba kopo ya bone,”ga bua jalo Diva Vebrok.

Diva Vebrok a re o setse a simolotse go iphutha metlhala mo Gaborone le Aferika Borwa, kwa a nnang teng, go lebisa dinao tsa gagwe thata kwa gae se e le go ipaakanya ka tlhwaafalo gore e re pele ga ngwaga ya ditlhopho ya 2019 e goroga a bo a setse a segile tema e e bonalang gore a seka a tloga a palelwa ke kgaolwana e.

Gore ka jaanong a setse a itiretse leina go utlwala mo mererong ya mmino, o ya go dira jang ka se, Diva Vebrok o boleletse Naledi gore o tla a tlola motshelakgabo fa a setse a le fa go one kgotsa a gorogile fa molapong. “Gompieno ke santse ke le moopedi, ke yone kgwebo e ke tshelang ka yone, mme gore fa ke fenya ditlhopho go leba khanseleng ke ya go dira jang, e o ke tla a e bona fa go setse go diragetse, fela o tshwanetse go itse gore kopelo ga e ka ke  ya kgoreletsa sepe se ke tla a se dirang ga ke le mo thomong ya batlhophi ba me,” a rialo Diva Vebrok.