Naledi

Mosupi o jele semenogane

 

Kedisang o ne a tshwarisa motsamaisatsheko kgakge a sa solofela morago ga gore e re fela a sena go tsena mo lebokosong la basupi, le go bo ikanela, a fetogele seo ka bofefo. O ne a bolelela lekgotla gore ene ga se mosupi e bile ga a kake a supa sepe kgatlhanong le mosekisiwa yo eleng morwawe thoothoo.

Go ja semenogane jaaka thipa ya mokopelo ga ga Kedisang, go senogile bosheng fa morwawe, Keteilwe Kedisang (28), a ne a itshupa fa pele ga ga Mmakaseterata wa Letlhakane, Queen Moanga, go arabela molato wa go thubetsa. Mosekisiwa Keteilwe Kedisang, o fa gare ga dinaka tsa kukama ntateng ya go belaelwa gore o itseetse dikobo ka dikgoka mo go mme Kelebileone Sethungu ka kgwedi ya Lwetse ngogola kwa Mopipi.

E re go ntse jalo, Ipolaeng Kedisang e ne e le mosupi wa bone wa puso mme a ne a tshwanetse go fa bosupi kgatlhanong le mosekisiwa eleng morwawe. Mme ka letsatsi leo o ne a fetogela seo a menne phatla.

 Sergeant Mpho Basebi wa Sepodisi sa Botswana, o ne a lebega a tsidifaletswe jaaka Ipolaeng a ne a gana gotlhelele go ntsha bosupi kgatlhanong le mosekisiwa. O ne a bolelela lekgotla gore ene ga a ise a ko a bolelelwe ke ope gore ke mosupi wa puso, mme a re o mo lekgotleng fela go tla go reetsa gore ngwana wa gagwe o mo bothateng jwa go latofaletswa thubetso. O tsweletse a tlhalosa ka leleme la Sekalaka, a re go a gakgamatsa gore go bo gotwe ke mosupi, ntswa tota ene ka letsatsi la tiragalo eo, a ne a seyo mo lelwapeng a le kwa morakeng.

Sergeant Basebi, go lebega a ne a sa solofela mafoko a.  Mosekisiwa ene ka nako eo o ne a ntse ka iketlo mo lebokosong la bosekelo, a rumaruma go se gonene okare go katwe ke motho a bua ka pelo a re, “Ahee...mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng”.

Motsamaisatsheko o kile a re koo o hula mosupi yoo ka dipotso mme ya nna matsapa a lefela mo kgabagare a neng a itlhoboga a bona gore ke mosupi yo o senang boleng mo tshekong e a neng a e tsamaisa. Morago ga dikgakgamatso tseo o ne a bitsa mosupi yo mongwe wa puso eleng motlhotlhomisi wa kgang, lepodisi le eseng la seaparo, Sergeant Radibe Seiphemelo. Mosekisiwa o ne a kgaratlha a leka go sobotla motlhotlhomisi wa kgang ka dipotso mme ya nna mo go tweng morwa o hula ka toba. Fa godimo ga seo fa tsheko e ntse e thuthafalela pele, mosekisiwa o ne a tlhokotsa leleme la gagwe mme a fa bosupi jo bo ikanetsweng. A re mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo e ne e le moratiwa wa gagwe fela sentle. A re gase nnete gore o thubeditse mongongoregi, gonne ka letsatsi le le buiwang leo, ba ne ba robala mmogo fela sentle mme ba seka ba tlhakanela dikobo. A re o bopelwa kgomo ya mmopa. Motsamaisatsheko ene a re puso e ntshitse bosupi jo bo nonofileng kgatlhanong le mosekisiwa go bontsha kgotla gore o molato. Tsheko e tla tswelela ka Hirikgong a le 25 ngwaga o o tlang.