Naledi

Otlogetswe o atla buka ya ga Sebutlana

Otlogetswe
 
Otlogetswe

E ne ya re fa a simolodisa buka e e leng ya boraro ya ga Sebutlana, Professor Thapelo Otlogetswe, yo le ene eleng mokwadi wa Setswana, a supa gore le mororo a sa ithutela dithuto tsa tumelo, mme gone o badile buka ya ga Sebutlana. O supile fa buka e supa gore re tshela mo dinakong tse di thata, “gona le batho mo kerekeng ba ba ratang go ipaya jaaka ekete ga ba na mabadi, mme ba na le one, le ba ba amogelang gore ba na nao.” Otlogetswe o tlhobaetswa ke gore okare kereke ga e dire go lekanye go itebaganya le matlhoko a batho.

“Gantsi fa o ka itshupa gore o raletse matlhoko, batho kwa kerekeng ba na le go go leba jaaka ekete ga o a nna sentle,” Otlogetswe a tshwaela.

Otlogetswe a re tota le bone baruti ekete ga ba a rutuntshiwa sentle go ka itebaganya le dikgang tsa mahutsana a batho, a supa gore ba nna le kgwetlho ya gore ba ka itebaganya jang le mathata a batho,  ba buisa ba ba tshwenyegileng jang, le gone gore ba ka iphaposa dikgang dife fa go rileng.

A re le mororo bontsi jwa dipadi di le mo baphutheging, dingwe di ka bonwa le mo baruting. “Baruti ka bone ga ba ke ba nna le yo o elang tlhoko dipadi tsa bone. Ba na le dipadi tse di botlhoko tsa kgodiso ya bana, fa gongwe ba lebanywe ke go tsenya bana dikole tse di turu.” A re kereke e tshwanetse ya ithuta go itebaganya le dikgang tsa dipadi ka jaana fa gongwe ke tsone di itsang kereke go gola.

O supile fa kereke e ka ithuta ka sekai sa ga Josefa yo barwarraagwe ba ne ba mo tshobela ka mosima, mme morago a nna motlhokomedi wa bone. A re sekai se ke sone se ka thusang diphuthego go na le gore dikereke di tlale ka batho ba ba tletseng katlholo mo go ba bangwe.

E rile a wetsa a kgothatsa thata gore kereke e itebaganye thata le go bua ka maatla a ga Keresete gammogo le go ruta lefoko mo go ka tseneletseng.