Blogs

Boloko ga bo gotse

Fa e ntse e tsweletse e bua ka mosola wa mmidi, Naledi ya re;

“Mmidi o kgona go dirisiwa jaaka sejo se se nang le kotla ya maatla mo mmeleng le  bontlhabongwe jwa sika loo leokwane jaaka go dirisa setlhotlha sa one go bonesa bosigo  tota go se kopanya le sebei sa tonki kana boloko jwa kgomo.”

O  tlaa lemoga gore temana e re e nopotseng e, e na le mafoko mangwe a a sa kwalwang sentle. Lefoko ‘sebei,’ tota e ka bo e le sibi. Lefoko le, ga le a kwadiwa sentle, la bo la tladiwa ka tlhaka e nngwe, e e se yong mo go lone. Gone mme se Naledi e lekang go se bua mo temaneng e, ke eng? Naledi e leka gore e re setlhotlha sa mmidi se ka dirisiwa go gotsa molelo. Ka fa e buang ka teng, setlhotlha ga se gotse se le nosi, se gotsa se kopanye le sengwe. Selo seo ke eng?

 Jaaka re setse re boletse, fa go twe sebei, tota go ne go twe go a twe sibi, e seng sebei jaaka go kwadilwe. Naledi ya re, go gotsa molelo, setlhotlha sa mmidi se kopanngwa le sibi (sa tonki) kana boloko jwa kgomo. A mme boloko bo ka gotsa molelo? Pele ga re ka araba potso e, a re bone ka fa Motswana a bitsang boloko ka go farologana ka teng.

E rile maloba ra bua ka mafoko mangwe a a rayang go roba. Re ne ra re, go roba ke lefoko le le gobokang; ke gore le ka dirisiwa fa go buiwa ka dijwalo tsotlhe ga twe di a rojwa/robiwa.  Re ne ra supa gore, go ntse go ntse jalo, go ya ka gore re bua ka dijwalo dife,go na le mafoko mangwe a a ka dirisiwang boemong jwa lefoko go roba. Re rile fa e le ntshwe e a rengwa, dinawa di a giwa, fa ditloo tsone di bipolowa.

Go ntse fela jalo le ka lefoko ‘ boloko.’ Lefoko le le lone le ka goboka.  Fa go buiwa ka diphologolo go ka twe di na le boloko. Mme Motswana o kgona go bitsa boloko bo ka maina a a farologanyeng go ya ka gore o bua ka eng.

Naledi ya re tonki e na le sibi. Nnyaa, ga go a nna jalo. Ka Setswana, boloko jwa tonki le pitse, ga bo bidiwe sibi, ga bo bidiwe boloko, bo bidiwa bopere. Fa e le podi le nku re ntse ga re re boloko. Ga tsone ke dithokolo.

A o sa ntse o tshwere (gakologelwa) se Naledi e se buileng fa godimo fale? Go go gakolola, Naledi ya re, setlhotlha sa mmidi se ka kopanngwa le boloko go gotsa molelo. Fa potso ke gore, a bone boloko tota, bo ka gotsa molelo? Ke mang tota  yo o ka fitlhelwang a gotsa ka boloko? Ga go na ope yo o ka dirang jalo.

O tlaa botsa gore, ke eng go ka se ka ga dirwa jalo, ga gotsiwa ka boloko?

 Karabo ke gore fa re re boloko, re bua ka bone bo sa ntse bo le bosha kana bo le metsi. Fa bo sa ntse bo ntse jaana, fela jaaka dikgong tse di metsi, ga bo ka ke jwa gotsa. Fa bo setse bo le bogologolo, bo omile, foo ga bo sa tlhole bo bidiwa boloko, bo bidiwa sibi. Sibi fela jaaka logong lo lo omileng, ke sone se gotsang. Boloko nnyaa.

Bogologolo lefatshe le sa ntse le le thata, e ne e a re fa go se na dikgong, batho ba tsamaye mo ba sele dibi tsa dikgomo le tsone tsa ditonki ba gotse ka tsone.  Fela jaaka dikgong, fa di omile sentle, dibi tse di dire molelo o o monate, o o bogale.

Potso e nngwe e tlaa nna gore, ka boloko ga bo gotse, bo dira eng? Boloko bo e leng bone boloko tota, jwa kgomo, go dirwa mmu ka bone. Fa go agiwa, bo tlhakanngwa le mmu go o dira thata, mme go bopelwe dikotswana tsa matlo le malwapa, go bo go dilwe ka bone. Fa bo le nosi, go kgabisiwa  matlo le malwapa fa fatshe ka bone mme go twe go a kgaphiwa; ke gore mo godimo ga go dirisiwa mo mmung o o bopelang, boloko gape bo a kgapha.

Jaanong go digela kgang ya rona ra reng? Re digela kgang re re, boloko ke boloko fa bo sa ntse bo le metsi. Fa bo omile,  ga go twe boloko, bo bidiwa sibi. Sibi ke sone go gotsiwang ka sone, se tseye maemo a dikgong. Boloko bone ga bo gotse, bo dira mmu, bo bo bo kgaphe. A re se re setlhotlha sa mmidi se ka kopanngwa le boloko go gotsa molelo. Nnyaa, ga go ka ke ga nna gone. Ka bo metsi, boloko bo ka tima molelo oo. motshwanes@yahoo.com