Blogs

A re go ja eng ? (2)

Motlha mongwe, go na le go dira jalo o loisa puo ka go dirisa manatetshapuo, dipapisapuo, kgotsa, dikapuo jaaka mafoko ao gape a bidiwa mme bangwe ba latlhege ba se ke ba mo tlhaloganye. Jaanong go thusa bao e ne ya re nako ele, ra bua ka lenatetshapuo la ‘go ja….’ Mme e tlaa re le gompieno re tswelele re bue ka lone. A se ke a ipone tsapa Motswana a nne a fetele pele mme a re go na le go ja legalapa. Moo, e le eng? Go ja legalapa e le go opela.

Mme e se go opela fela, e le go opela ka botswerere, go le monate. E re a le ja legalapa Motswana gape a le pate ka go ja motwane. Go ja motwane gone go tshwane le go ja tlhako go reye go bina. Re a tle re bone go direga jalo, fa go le moletlo wa lenyalo. Di tle dipina, le jewe legalapa, o jewe motwane, lorole lo bete kolobe. Go nne monate o bo o lele mogolokwane. E tlaa re morago ga tiro eo, bangwe ba bua ka yone ba re koo, go ne go jewa legalapa, go jewa motwane, go sa tshamekwe. Go bua jalo ba raya gore go ne go opelwa, go binwa ka botswerere jo bogolo.

E re a ntse a tsamaela pele Motswana a re go na le go ja tshupa. Bogologolo lefatshe e sa ntse e le lone sentle, pula e ne e a tle e ne e le ntsi thata mme go twe ga e a na e ruthaganye. E ruthaganye, go lengwe mme, balemi ba dike ba fodile.

Ke gore ba robile, ba bonye thobo e ntsi thata. E le ntsi jalo, e tshelwe mo difalaneng le mo disigong go beelwa malatsi a a tlang le dingwaga tse di kwa pele mme go nne go rafiwe moo go jewe. Motlha mongwe ka disigo le difalana ke tseo di tletse, ngwaga kana ngwaga tse pedi di fete go ntse go jewa, go rafiwa moo.

Mme e tlaa re go ntse go tsweletse, tshupa, khukhwanyane e ntshonyana e e jang mabele a le mo difalaneng le disigo, le yone e tsene e je. Fela a nne a rafe moo Motswana mme a re o ja tshupa. Go rialo a raya gore ke thobo e kgologolo, e na le dingwaga e beilwe, e bile e tsenywe ke tshupa.

Go nne go fetele pele mme Motswana a re go na le go ja ka meno gone go raya go loma e seng go tlhafuna. Jaanong a re re, Tshetlha ke eo, e a ja. Fa e ntse e le foo, Bantlhoi ke eo e a tsena, e a atamela ka le yone e batla go ja. Go bona se, Tshetlha e a gakala e shenela Bantlhoi meno e batla go e koba. O ka ineela Bantlhoi? A se ka. A korologa, a bobora, a tlolela Tshetlha a mo garola sehuba ka meno. Ke yoo Tshetlha a tswa a siya. Go ntse jaana, ke gone Motswana a tlaa reng Bantlhoi e jele Tshetlha ka meno a raya gore Bantlhoi e lomile Tshetlha. Go sale foo, go nne gape le go batla go ja selo, motho, ka meno e le go gakalela, go galefela motho, kana, sengwe thata. E le sekai, nako ele re ne ra bona e re basimane ba Thotaedithole ba sena go bua, Kitimetso a bo a nyelelelwa ke thipa. A tlolaka a e batla naga ya nna kgologolo.

A botsa Tshikarelo mme Tshikarelo a latola a re ga a ise a bone thipa gope. Ga nna jang? Thipa ya felela e tswa kwa go Tshikarelo ka Tlharapana o ne a mmonye a e tsaya fa godimo ga letlalo lele. Go ntse jaana, Kitimetso o ne a ka belaela gore Tshikarelo o ne a batla go utswa thipa ya gagwe mme a mo galefelela thata. Go ntse jalo, Motswana o tlaa re Kitimetso o ne a batla go ja Tshikarelo ka meno a raya gore o ne a mo tenegetse thata mo a neng a ka nna a mo tsaya ka tse di jang.

Jaaka re ne ra bona maloba, go tshwane fela le fa a re Kitimetso o ne a batla go ja Tshikarelo nko e sa butswa. Gotlhe go bo go raya gore o ne a galefetse, a gakaletse, a tenegetse Tshikarelo thata mo a neng a ka nna a lwa le ene, kana, a mmetsa fa Tshikarelo ene a ne a ka se ka a itwela. E a re dinamane di amule, di kgotshe, di itumetse, di tlolake mme go twe di a karagana.

Gone fa, ga tla lenatetshapuo le le reng go ja mokaragana. E le sekai a re re, Thulana ke yoo o tlhotse a le nosi. Go utlwa a tsenywe ke bodutu, o a tswa, o leba ga Tsotsojane o jela Kgabajana nala.

O a goroga o a mo fitlhela. Di kopanye ditsala, go nne jang? Go sale go tlhola go opelwa, go binwa, go tlolakwa, go tshamekwa metshameko e yotlhe mmampudulele le ene a le mo teng. Boitumelo e le jo bogolo. Go ntse jalo ke gone Motswana a re bana bao ba sale ba tlhola ba karagana, ba a ja mokaragana mme e bo e le gone.

Fa a rata selo Motswana, a se itumelela, a re o se ja monate fela jaaka gompieno o tlaa ja Mmua monate ka ga a na dipe diphoso. A bua jalo Motswana, se natefe thata Setswana.