Blogs

A re go ja eng? (3)

Mme a raya eng? A raya go fisa, kana, go tshuba selo. Gone fa, a re tseye se ba reng Mokotedi o ne a se dira e le sekai. Ba re Mokotedi o ne a dira dilo fela jaaka a ne a utlwa go buiwa. Ga twe tsatsi lengwe ntlo ke eo, e le gaufi le ga Mma Mokotedi ya a sha. A re re ntlo eo, e ne e le ya ga Mma Thitokgolo.

O ka bona ntlo ya ga Mma Thitokgolo e e sha, ya ga mmaagwe yone e sa she? Ba re, a se ka a tlhola a re ka moso Mokotedi. A tsaya molelo a tshuba ya ga mmaagwe.

Gone fa, batho ba hakgamala ba ipotsa gore Mokotedi o dira eng. A se ka a itsenya dingalo Mokotedi a ba araba fela ka gore matlo go sha mabapi. Go bua jaana, le gore a bo a tshubile ntlo ya ga mmaagwe, Mokotedi a bo a ne a dira fela jaaka seane sele se bua, a sa dirise tlhaloso ya sone. Mme ke eo e ne ya sha ntlo ya ga Mma Mokotedi. Jaanong e tlaa re Motswana a bua ka tiragalo eo, a re Mokotedi o ne a ja ntlo ya ga mmaagwe ka molelo a raya gore o ne a fisa, a tshuba, ntlo eo. Ba re o e fisitse o e tshubile. A nne a gatele pele Motswana a natefise, a natetshe puo mme gape a re go na le go ja ka moretlwa, ka thupa, a raya go betsa, kana, go itaya. Jaanong a re re, e ne ya re maabane, bo sena go sa, Pupudu a tswa, e le go ithapolola maoto, a leba ga Seopana. A mo fitlhela ba tlhola koo go jewa dikgang, go jewa dijo, metsi a masetlhana le one a le foo, go nna go digelwa dijo ka one. Boitumelo ya tlhola e le jo bogolo. Fa le setse le hulara, a tswa a boela ga gagwe a fitlhela Thulana ba nna foo mme gone go se dipe dikgang. Ka phirimane, a utlwa e kete nko e ka sunetsa.

A ema,, a iphophola, a leba kwa le kwa, a se ka a bona toise gope. Gone fa, a belaela gore e setse kwa ga Seopana. Ke yoo, a itlhoboga a lala foo nko e phaphaletse. Ka moso bo sena go sa Pupudu a nna a tlolaka, toise mme ya bo e ntse e tsenye ka lenga la seloko. Go bona se, Pupudu a nna a belaela gore, ka tsela nngwe, toise e setse kwa ga Seopana kwa a neng a le teng maabane. Gone fa, a roma Thulana go ya go tlhola toise koo. Fa Thulana a tswa ka kgoro mmaagwe a mo tlhaeletsa a re ‘Ngwana ke wena o tlhatlhose dinao, o itse gore ke letse fela, ke tsogile fela.’ A tshema tshema Thulana a leba ga Seopana a bo a bile a gorogile le thomo a e gorogsitse. Ka bofefo Seopana a tla ka toise a bolela fa Pupudu a ne a e lebetse fa baneng ba ntse teng maabane. A bowa a wela tsela Thulana. Temana khutshwane ke a bile a gorogile. Le fa go ntse jalo, ka pelo e ne e thunya, mmaagwe a mo galefela a re, ‘Ngwana ke wena, ke rile ke letse fela, ke tsogile fela, o itlhaganele. O ne o diilwe ke eng?’ Fa Thulana a re o a araba, mmaagwe a mo kgaupetsa a re ‘Didimala, ke tlaa go ja ka moretlwa o tle o itse gore e re o romilwe o tsose dinao, e seng go tlhola nageng.’ A rialo, Pupudu a raya gore o tlaa betsa, itaya, ngwana ka a bona a diegile, a sa itlhaganela jaaka ene mmaagwe a ne a solofetse.

E re a ntse a tla ka one manatetshapuo, a tla ka tsone dipapisapuo, le dikapuo, Motswana gape a re go na le go ja boroko, a raya go robala sentle. E le sekai a re re, e ne ya re maabane le phirimane, pula ke eo ya tla e le bogale thata go le dikgadima le tladi e e maswe. Ka o tshaba pula e e dikgadima le ditladi jalo, Osesane ke yoo a ya go robala fela a ntse a ipotsa gore a tota o tlaa lala a bo bonye. Bosigogare, ya feta pula, jwa mo wela boroko a lala a bo goga. A thanya fela bo o sa. A thanya jalo, a thantshiwa ke mokoko o itaya lohuka, o lela, go tsosa tse dingwe go ya go selalsela. Mme fela a nama a rapame foo go phutholola mmele. Mmele o sena go phuthologa, a tswa a ya fa ntle go bona gore bo sele (e seng bosele jaaka bangwe ba tle ba kwale) jang. A fitlhela le tlhabile maru ale a ile.

A itumela thata. A sale foo, ga tsena Thitelwana a tsile go mo lekola. Ka Osesane a tshaba pula ya dikgadima, Thitelwana a mmotsa gore o letse jang. A araba ka gore le fa a ne a ya go robala a tshogile, ka tladi e a bo e ne e le bogale thata, o letse sentle ka pula e ne ya feta mme a robala, a thulamela, a bo ja, jwa nna moante thata. Thitelwana a mo leba a bona e le motho a bo jele tota a letse a robetse sentle a sa tlhobaediwa ke sepe. Go ntse jalo go ja boroko.