Naledi

�Masharia� a rukutlha Palapye

 

Matshwenyego a a senotswe ke Kgosi Masego Olebile mo potsolotsong le Naledi bosheng, a bolela fa digongwana tse di bopilwe ka bontsi jwa banana. O kopile batsadi ba bana ba, go thusa go tla ka methale e e ka thusang go fedisa seemo se.

“Re ikaelela go dira se se dirilweng ke bogogi le banni ba motse wa Thamaga morago ga gore ba opisiwe ditlhogo ke seemo sa go tshwana le sa mono Palapye,” Kgosi Olebile a bua jalo, a swabile nko go feta molomo.

A re dingwe tsa ditiro tse di setlhogo tse banana ba, ba di dirang ke tsa go kgothosa batho mo mebileng, go betelela, go itaya le gone go baka dipolao.

Olebile o tsweletse ka go bolela fa ele bone le ba sepodisi, ba ka seke ba kgone go lwantsha borukhutlhi jo, mme a ikuela mo morafeng go ema nokeng makalana otlhe mo go lwantsheng seemo se.  Naledi e utlwaletse gape fa digongwana tse di kgona go tsena mo diphitlhong mme ba ipee pele dipitsa tsa dinama tse di tshwanetseng go jewa morago ga phitho.

Mo ditiragalong tse dingwe, segopana sengwe se ne sa tlhasela Kgosana ya Extension 2, Sentsho Malatsi, ba re aba goise motsoko mme ba mo keteka gore aye go bowa kwa sepatela.

Seemo se ne sa ritibala morago ga gore bontsi jwa bangwe ba digongwana tse ba tshwarwe, le go tlhatlhelwa mo kgolegelong.

Go ne gape ga nna le selalome se se neng se emela batho go bapa le ofisi ya ga mopalamente mme se leka ka makgetho a mantsi go betelela bomme. Tiragalo eo le yone e ne ya tshwenya morafe thata.

Mme erile ka Matlhatso Phalane a a ya fifing (31), segopana se sengwe sa basimane sa keteka sa ba sa bolaya rre mongwe kwa dibareng tsa Extension 2.

Beke ee neng e feta, dilalome dingwe di ne tsa kgoreletsa tshisibalo ee tlwaelesegileng kwa mabitleng mme tsa epolola mabitla a mabedi, la ngwana yoo ngwaga le la mogolo.

Bagolwane ba motse ba akaretsa magosi le ba sepodisi ba ne ba tsaya tshwetso ya go epolola mabitla go bona gore go ka tswa go tserwe eng.

Ka maswabi go ne ga fitlhelwa ngwana (moswi) aseyo fa a neng a robaditswe teng gammogo le kesi ya gagwe.

Tiragalo e le yone e ne ya tsosa tshakgalo e kgolo mo morafeng ka ebile dilalome tseo di ise di tshwarwe ebile disa itsewe.