Naledi

Bojalwa bo direla puso P2bn � Khama

Khama
 
Khama

Khama o dirile se ka mabaka a gore Batswana ba fokotse go jelwa bobe madi ke bojalwa ka se se tlogela malwapa a le mantsi mo lehumeng, fela se jaanong go lebega se busetsa goromente kgotsa puso madimadi a a garolang pelo.

“Madi a lekgetho la bojalwa a ka tshwara P2billion go fitlha ka Letswe monogwaga,” go bua jalo Khama, a bo a ipoeletsa gape, “ka re P2billion, ele madi a gogwang mo lekgethong la bojalwa,” a bua jalo morwa Khama ka menyenyo.

Ya re a buisa palamente maabane le go lekodisa sechaba ka botsogo jwa lefatshe leno, le yone itsholelo go ya pele, Tautona Khama o ne a bolela fa ditshekatsheko tsa lenaneo la go tla ka methale ya go leka go fokotsa nnotagi, di supile fa phetogo ele teng ya ka fa go nowang bojalwa ka teng mo Botswana e bile seemo se wetse tlase.

Lefatshe la Botswana le lebanwe ke dikgwetlho di le dintsi thata, tse Tautona areng gareng ga tse dingwe ke malwetse a a sa tshelanweng jaaka madi a matona, malwetse a pelo le sukiri, a reng a bakwa thata ke go itontela bojalwa bobe  ga Batswana.

Le fa go itontela bojalwa bobe mo ga Batswana go tshwenya tautona Khama, go ne ga hakgamatsa thata go utlwa ka koketso ya bojalwa le lekgetho la jone di tsenya letseno kgotsa madi a mantsi thata mo letloleng la puso.

Le fa maikaelelo a go tura le go kgethisiwa bojalwa e ne e le gore palo ya Batswana ba ba nwang bojalwa e fokotsege, go bonala sentle gore se ga se se ise se diragale gotlhelele, ka erile fela ngwaga ya ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa bojalwa, le lekgetho la tsone di simolodisiwa, puso ya kokoanya madi a a tshwarang dimilione di le makgolo a mane(P400m).

Madi a a lekgetho la bojalwa a ne a nna a oketsega fela jalo ngwaga le ngwaga, mo erileng go bona fa a le mantsi thata, tautona Khama le puso ya gagwe, ba bona go le botoka go isa madi a kwa mananeong a banana ka go farologana.

Go akaretsa le yone twantsho bolwetse ja segajaja ba HIV/AIDS, se e le gore a thuse mo go ntsheng banana ba mo mekgwatlheng.

Bontsi jwa madi go lebega bo ile ba lebatsa tautona Khama, se tota e neng e tshwanetse go nna maikaelelo a lekgetho le la bojalwa, ka jaanong ka Mosupologo tautona Khama a neng a ntsha monyenyo wa lekgarebe le bua ka mokapelo wa lone, fa a bua ka fa le kokoantseng madi a a tsitsibanyang mmele ka teng.

Le fa gontse jalo, Batswana ba santse ba totomeditse melomo ya bone ka tlhwaafalo mo nkgong ya bojalwa, seemo fela se se supang fa malwapa a le mantsi a tsweletse ka go tshelela mo lehumeng le le botlhoko ka ntlha ya se.

Potso e e salang jaanong ke gore ka tota maikaelelo a ga tautona Khama a go fokotso go itontela bojalwa ga Batswana go lebega go pala, a ga gona se se ka dirwang go lemotsha Batswana ka tiriso nnotagi botlhaswa

Ene e rile go le gale, Khama a ngongorega ka dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go golela pele, le go gapa matshelo, tse a reng dingwe tsa tsone di bakwa ke go itontela.