Naledi

Dikotsi tsa tsela di metsa bana � Mphephu

Go thubathubega ga ga Maphephu go senogile  mo phuthegong kwa kgotlengkgolo ya Letlhakane bosheng a bolela ka pelo e e keleketlang kgodu e khibidu gore mo kgweding e e fetileng go nnile le dikotsi tsa tsela tse di masisi fa gare ga motse, tse di akaretsang e mo go yone mokgweetsi mongwe a neng a thula a bo a bolaya bana ba mosadi a le mongwe, ba e bile e neng e le baithuti ba sekole se sepotlana sa Letlhakane.

O tsweletse a lela ka gore mo kgweding eno e tlhola masome a mabedi le bongwe, go ne ga nna le kotsi e mo go yone go neng ga thulwa ngwana a bo a tlhokafala, a tlatsa ka gore ditiragalo tsa go nna jalo ga di a siama gotlhelele, ka di bakela batsadi go hupa manyaapelo.

Mookamela mapodisi a Letlhakane a re se se utlwisang botlhoko jwa ntho ke gore bontsi jwa dikotsi tseo di dirwa ke bakgweetsi ba ba itontetseng nnotagi, fa bangwe ba bone ba sena diteseletso tsa go kgweetsa. A re  Letlhakane o na le palo e ntsi  ya batho ba ba ipharang mo molaong ka go kgweetsa ba se na diteseletso. A re bone e le mapodisi a Letlhakane ba dira madi a a kana ka dikete tse di lekgolo tsa dipula (P100 000.00) beke le beke, a e leng a go lefisa batho ba ba fitlhelwang ba kgweetsa ba se na diteseletso.

Maphephu o kgadile batsadi bangwe a re ba na le mokgwa o o maswe wa go letlelela bana ba bone go kgweetsa dikoloi ba se na diteseletso mme maduo a seo e nne selelo le khuranyo ya meno.

O ne gape a re bogodu jwa leruo bo ile magoletsa mo kgaolong  ya Boteti mo ba setseng ba sa itse gore tota ‘bolwetse’ jo bo ka alafiwa ka moremong. A re go simolola kgwedi eno e le masome a mabedi go fitlha e le masome mabedi le bobedi fa kgang e e kwalwa, ba kgonne go tshwara magodu a le borobabobedi.

A re batho bangwe ba tswa kwa dikgaolong tse di jaaka Kgatleng le Kweneng ba tla go reka leruo mo Boteti Bophirima ka ba utlwaletse ditlhwatlhwa tse di kwa tlase koo mme morago go nne le boferefere jwa go utswa tse dingwe. O boletse gape gore ba tshegeditse koloi ya modiro wa BMW e go tweng e belaesega fa e le yone e e neng e dirisiwa go rwala dinama tsa bogodu. Maphephu o kopile setshaba go dirisana le mapodisi gore ba tle ba kgone go tlosa borukutlhi lekwitikwiti.