Naledi

Maraganateng a BMD

Modubule
 
Modubule

Pele ga bokopano bogolo jwa BMD ka kgwedi ya Phukwi kwa Gantsi, go ne ga nna le dipuo tsa gore phathi e, e iphitlhela mo thankgeng ya seretse sa ngwaga wa leuba, jaaka go ne go tshwanetse go nne le maemo a komitikgolo a a neng a tshwanetswe go ya go lwelwa.  Gareng ga maemo a, ya bo e le a bodulasetilo a a neng a lebagantse Nehemiah Modubule le Pius Mokgware, ba bobedi ba tsewang jaaka mekaloba ya polotiki ya kganetso.

Bangwe ba ne ba nganga ka gore tota ka Mokgware a le mo palamenteng ke eng a sa tlogele, Modubule a nna mo maemong a, fela bangwe ba re nnyaa, ga go a tshwanela go nne jalo ka gore Mokgware ka a le mo palamenteng go botlhokwa gore a bo a rwele le maemo a bodulasetilo.  Dikgang tse tsa maemo a, tsa supa sentle fa makgamu a setse a bonala sentle mo BMD, mo le motho yo o kwa morakeng a kgonang go bona fela gore lebota la BMD le rantshegile. Fa dikgang le dintwa tsa maemo a komiti kgolo di ntse di taboga go ja naga pele ga phuthego kgolo, go ne ga tlhagoga dipuo tsa gore mongwe wa batlhami ba phathi e ya BMD, modulasetilo wa pele, ebile a kile a emela maemo a botautona jwa BMD, Sydney Pilane, o batla go boela mo phathing.

E le yone kgang ya fetoga legadima la pula ya matlakadibe, ka e ne ya thunya thata ya ba ya rantsha ditsebe tsa bagolo bangwe mo BMD.

Erile go utlweng modumo o wa gore Pilane o ikaelela go boela mo phathing, bagolo ba BMD ba palelwa thata ke go tshwarwa kgang e ka matsetseleko a a kwa godimo, se sa felela ka go farologana ga bagolo ba phathi.

 Se sa supa sentle gore BMD e ya phuthegong kgolo e tshotse ditapole di le bolelo jwa magala a motswere, fela mogolo mongwe le mongwe a tshotse tsa lekgamu la gagwe, dipharologanyo e le gore Pilane a amogelwe gape, le gone gore a seka a amogelwa. Le fa Bebele e bolela fa Jesu Keresete le Saatane ba lwa ntwa e botlhoko go lwela sebopiwa se gotweng motho, Kaene le Abele balole mo Kaene a feletseng a bolaile monnawe Abele mo ntweng ya lorato la ga raabone, mawelana Esau le Jakoba tsetswe ba sa tshwane, ya BMD ntwa e bogale go gaisa dintwa tsotlhe tse tsa Bebele.

Moeteledipele wa BMD, Ndaba Gaolatlhe o iphitlhela a rwele lentswe la Modipe mo magetleng a gagwe ka a tshwanelwa ke go tlhomamisa gore phathi ga e phatlakane ka bogare jaaka okare e iteelwe ke legadima, se mme go lebega se se bonolo ka bagolo ba phathi ba setse ba tlhaselana le go gagolana fela mo pepeneneng.

Ba dira jaana le bana ba bone ba lebile, go sena yo o reng ‘tshere’ borra, le tloga le re tshegisa baditshaba, ntwa ke ya go lwela Pilane, yo le ene a papamatsang gore o batla go boela mo phathing ya gagwe, ebile go se se ka mo kgoreletsang.