Naledi

Ipelegeng e tsositse kgaruru

Babereki ba kgadile maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ba re a tletse mowa o o maswe wa boferefere le tshenyetso  setshaba  ka ntlha ya go tsamaisa tiro eo ka tsela e e sokameng.

E ne e le semphete ke go fete ka letsatsi leo, matshwititshwiti a batho ba ne ba kokoanye  kwa kgotleng kgolo,  ba solofetse go thapiwa. Batho bao ba ba neng ba tsile go folela phiro  ya Ipelegeng ka palo, ba ne ba ka  feta sekete. Ya re fa go ntse go tsweletswe ka phiro jalo, maloko mangwe a dikomiti tse tharo tsa motse tsa VDC ba le  mo  teng ga lekotswana la kgotla ba tshwere buka ba bitsa maina a go tweng ke a ba ba thapiwang.Batho ka bontsi ba ne ba simolola go fela dipelo mme ga tsoga setsokotsane sa modumo wa dingongorego. Batho ba ne ba phuphura makgabana ka ntlha ya tshakgalo; ba tshosetsa go tsena mo teng ga lebotlana la kgotla ka dikgoka ka ba dumela gore ba ba neng ba filwe dithata tsa go thapa  ba  ne ba sa dire tiro sentle, ba ne ba thapa ditsala le ba masika a bone ka boferefere.

Go ne ga nna thata e e robang dimapo fa bangongoregi ba ne ba kgwa molelo wa diphera wa tshakgalo mo go neng ga batla go baka go emisa phiro. Bangwe ba ne ba tshosetsa gore ba tla betsa maloko a VDC gonne ba gataka ditshwanelo tsa bone ka bomo. Ba re ga ba a bolo go fola kgotsa go kwadisa maina a bone mo dikgweding tse dintsi tse di fetileng mme ga nke ba thapiwa, go thapiwa batho ba le bangwefela ba ipoeletsa go supa gore seo ke tshenyetso setshaba le go gataka ditshwanelo tsa bone. Bangongoregi ba boleletse Naledi gore VDC ya Letlhakane e na le ditso tse di maswe tsa go sa tsamaisa dilo sentle fa go tla mo phirong ya badiri ba Ipelegeng. Ba re ba belaela gore maloko a magologolo mo VDC, a a sa kgonang  go jewa ke ditlhopho tse di sa tswang go feta, ke one a a rutang a masha mokgwa o o bosula wa bonweenwee.

Ba tsweletse ba ntsha magatwe a gore bangwe ba firwa jalo ka boferefere ka seipato sa  gore  ke ba ba kopetsweng ke ba boipoelego ka mabaka mangwe, ba tlatsa ka gore gantsi dikwalo  tse go tweng di tswa kwa go ba boipelego di a bo di sena setempe go rurifatsa seo. Ba re lenaneo  la Ipelegeng le siame fela sentle, molato ke gore mo Letlhakane tsamaiso  ya  lone e tlhakatlhakanngwa ke lefufa la maloko mangwe a VDC.  Le fa go ntse jalo, maloko a VDC ba eteletswe pele ke monnasetilo wa yone, ya Letlhakane Botlhaba, Phillip Leele, ba  re ga  ba  beye ope ka fa mosing mo khirong. Ba re ba thapa batho ka go bitsa maina jaaka a tlhomaganye mo bukeng ya ikwadiso. Leele a re molato ke gore banni ba Letlhakane ba bantsi thata mme ntswa bone ba letlelelwa go thapa batho ba le 290 fela kgwedi le kgwedi.

A re  ka  fa banni ba Letlhakane ba leng bantsi ka teng, go ne go ka nna botoka fa ba ne ba ka letlelelwa go thapa batho ba le 500 go ya kwa godimo. O ba kopile gore ba tshware dipelo ka diatla gonne  ba tla nna ba sutelana gore mongwe le mongwe a kgone go itatswa menwana. Ka letsatsi  leo batho ka bontsi ba dule foo ba sulafaletswe ka ntlha ya go tlhoka tiro. Kgosi Tikologo Supang a re o belaela gore batho ba fela dipelo ka ntlha ya gore bontsi jwa bone ba a sotlega, fela  ga a dumele sentle gore go thapiwa ka boferefere.